Banana ba na le bokgoni
02 Dec 2013
Banana ba tshwanetse go fiwa sebaka go supa bokgoni jo ba nang le jone jwa go tlhabolola lefatshe leno.
Se se builwe ke monana wa Tutume, Rre Wachila Khani mo potsolotsong bosheng. A re fa banana ba ne ba ka etleediwa le go fiwa sebaka ba ka nna boradikgwebo le bo mma dikgwebo ba kamoso. Rre Khani ke monana yo o dingwaga tse di masome a mabedi le borababongwe e le ngwana wa bofelo mo lwapeng, le mororo a goletse mo gae mo kgotleng ya Magapatona.
Rre Khani a re kgwebo ya gagwe e itebagantse le go hiriwa, a letsa mo meletlong e e farologanyeng, go tsaya dinepe tse di tswang gone foo, go godisa dinepe, ditshwantsho tsa motshikinyego le go taka dikipara e bile a a fa batho ditlamelo tsa boranyane jwa inthanete. A re kgwebo ya gagwe o e simolotse ka ngwaga wa 2006, a direla mo lwapeng ka a ne a ise a nne le ditsompelo tsa go aga kwa a ka direlang teng.
O boletse gore kgwebo ya gagwe e godisitswe ke kemonokeng ya batsadi ba gagwe gammogo le bomo golowe. O tswelela a re go ne go le thata ya lentswe, mme ga a ise a ipone tsapa, a tswelela ka go nna a ithekisa ka go nna a letsa mo meletlong ka go fa batho ditlamelo tse di kwa godimo. Rre Khani a re baamogedi ba ditlamelo tsa gagwe ke ofisi ya ga molaodi, ofisi ya kaboditsha, ofisi ya banana le Tutume Spar, a tlatsa ka gore ke bone ba tsisitseng phadisano mo kgwebong.
A re dipoelo tse a neng a di bona o ne a sa dijele mo ganong, mme o ne a reka ka go beeletsa didirisiwa tse a di tlhokang. Rre Khani o boletse gore o kgonne go bona lefelo le a direlang mo go lone a kgona go aga ka tsone dipoelo tseo.
A re o thusisitswe gape ke lenaneo la YDF le le neng la mo fa P10 000 go isa kgwebo kwa pele, a tlatsa ka gore o afilwe kgwedi ya Phalane e ya fifing. O gakolotse banana ba bangwe go nna pelotelele mo botshelong, a re ba seka ba tshaba go supa bokgoni jwa bone, ka se se ka ba baya mo pepeneneng go ba kgontsha go bona dithuso.
A re ga se botlhe ba ba kgonang ditlhaka kwa sekoleng, mme o ba kopile gore ba dire ka botswapelo mo go tsa botaki ka jone bo ka ba isa kgakala. O lebogile Tautona wa lefatshe leno ka go ntsha mananeo a mantsi a a thusang Batswana ka go tlhabolola matshelo a bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mpho Goitsemang
Location : TUTUME
Event : Potsolotso
Date : 02 Dec 2013






