Sowa o ikemetse
14 Sep 2023
Ratoropo wa Sowa, Rre Olifant Mfa a re metsana e e mo tikologong ya toropo eo, e e neng e patagane le yone go dira kgaolwana ya bokhanselara e ntshitswe.
E rile a simolodisa semmuso dipuisanyo tsa khansele ka Laboraro, Mokhanselara Mfa a re metsana e tshwana le Tshwaane, Malelejwe, Semowane le Njuutshaa, e e ntseng e le mengwe ya matlhophelo a kgaolwana ya Sowa, e fuduseditswe kwa kgaolwaneng ya Dukwi.
A re seo se tla morago ga lekoko le le neng le sekaseka melelwane ya dikgaolo le sena go wetsa tiro.
O ile a bolela fa letsatsi la go ikwadisetsa ditlhopho le setse le boletswe, ka jalo a kopa makhanselara go rotloetsa batho go ya go ikwadisetsa ditlhopho ka dipalo tse di kwa godimo ka kgwedi ya Ngwanatsele e rogwa go fitlhelela e fela.
O gakolotse batho go lebelela dikarata tsa bone tsa Omang go bona gore a di mo tirisong, a re seo se botlhokwa ka ke sone mmangmang gore motho a kgone go ikwadisa.
A re se se monate ka karata ya Omang ke gore, o kgona go e ntshafatsa e santse e saletswe ke dikgwedi tse tharo, ka jalo a rotloetsa batho go nna malala a laotswe.
Mo go tse dingwe Rre Mfa o boletse fa puso e tlhomile lefelo la kgwediso ka seatla kwa Ramatlabana go oketsa le go tlhabolola dikgomo.
A re kwa lefelong leo go tlaa bo go rutuntshiwa barui ka tlhwatlhwa tse di kwa tlase tsa makgolo a matlhano, ka jalo o gwetlha makhanselara go rotloetsa banana go tsena ithuthuntsho eo gore ba kgone go itirela ditiro.
Mo go tse dingwe, Mokhanselara Mfa a re ka lenaneo la madi a kgaolo ba kgonne mesele ya kgopho ya metsi a pula.
A re kgang e e ba tshwentseng ke rakonteraka yo o neetsweng tiro ya go ntshafatsa tsela ya Makgadikgadi kwa toropong eo, yoo saleng a neelwa tiro ka Phukwi le jaana a ise a iponatse kwa lefelong.
O boletse fa ba na le kgwetlho e nngwe ya banana ba ba sa dueleng morago ga go thusiwa ka madi mo lenaneo la banana.
A re seo se paledisa lephata go ka thusa banana ba bangwe ka dipalo tse di rileng ka lebaka la tlhaelo ya madi.
A re kgang e nngwe e e tshwenyang ke ya banana ba ba thusitsweng ka leruo ka fa tlase ga lenaneo la Youth Development Fund (YDF) ka ba nna ba bolela fa le nyeletse. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : Sowa
Event : Dipuisanyo tsa khansele
Date : 14 Sep 2023