Go tlogela sekolo ga bana go ngomola pelo
02 Dec 2013
Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Selolwane kwa Tutume, Rre Tobokani George a re sekole se lebanwe ke dikgwetlho tsa baithuti ba ba tshabang sekole, mangwe a malwapa a go santseng go titielwa majalwa a Setswana le letlhoko la matlo a boroko a barutabana.
Rre George o ntshitse matshwenyego a gagwe ka letsatsi la kabo dimpho kwa sekoleng seo bosheng. A re seemo sa bana ba ba tlogelang sekole ba ya go nna kwa merakeng se ne se ngomolapelo mo a ne a patlelesega go bitsa botsamaisi jwa sekole, batsadi le bogogi jwa motse go tshwaraganela kgang eo.
O ile a bolela fa a kgona go dirisa koloi ya gagwe go latedisa bana bao a re maduo a setse a tswa tema ka palo e setse e fokotsegile. A re kgang e e tshwenyang ke ya diletso le majalwa a a santseng a titielwa mo malwapeng a re seo se ama baithuti ka ba felela ba raelesega gape go ama maduo a bone a sekole.
O tsweletse a bolela fa bothata jo ba kopanang najo e le jwa baithuti ba ba nnang le bagodi mo malwapeng a re bana bao ga ba kgone go dira tiro ya sekole ba nna batla ba sa dira ka bagolo ga ba kgone go ba thusa. Mogokgo o ile a tlhalosa fa sekole se tsweletse sentle mo maduong a lekwalo la bosupa, a solofetsa batsadi fa ba ikaeletse go dira go feta foo mo maduong a mono ngwaga.
A leboga kemonokeng le tshwaragano ya batsadi le barutabana le bangwe ba ikgetletseng go thusa sekole. Rre George o ne a sedimosetsa batsadi fa ba ne ba etela balemi barui go ruta bana ka tsa temo – thuo ka ba ne ba lemogile fa baithuti ba ne ba sa dire sentle mo dithutong tseo mme seo se ne sa ba berekela ka ba setse ba fenya ka matshwao a a kwa godimo.
Sebui sa sa tlotla, Rre Kerileng Thamae yo o tlogetseng tiro ka bogodi a le mo lephateng la temo-thuo o ne a gwetlha baithuti go inaakanya le thuto ya diatla ka ke yone thuto e e ka ba betlelang isago. Rre Thamae o ne a tlhalosa fa dialogane di saila le mebila ba ba tseneng dikole tse tsa thuto e e seng ya diatla, a re ba ba ithutetseng tiro ya diatla ga ba na go sokola go bona se ba ka se isang kwa maleng.
A gatelela ka gore mafatshe mangwe a tlhabolotswe ke batho ba one ba ba dirang tiro ya diatla. A re gape seo se tlaa fokotsa letlhoko la ditiro. Fa a itebaganya le batsadi o ile a ba gwetlha go tshwaraganela tiro ya ngwana ya sekole le barutabana. O boletse fa motsadi e le pinagare ya thuto kana medi le thito ya setlhare fa bana e le dikala tse di rweleng maungo a a tsogang a jesa setshaba.
Ka seo, a re gore setlhare seungwe se tshwanetse sa bona tlhokomelo e e tshwanetseng gore se kgone go ntsha maduo a a nang le boleng, ka jalo a ba kgothatsa go nna le seabe le gtlhokomelo mo baneng ba bone.
Rre Thamae o ile a galaletsa barutabana ba sekole seo sa Selolwane ka ba tshwaragane le batsadi le batho mo motseng. O akgotse tirisano e ntle eo. O ne a abele sekole seo madi a kanaka P2000. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Buyendasi
Location : TUTUME
Event : Moletlo wa kabo dimpho
Date : 02 Dec 2013






