Breaking News

Borre ba kopiwa go tila malwetse

02 Dec 2013

Borre ba  gwetlhilwe go itlhokomela gore ba sa tsenwe ke malwetse a tlhakanelo dikobo le go emisa go imisa basetsanyana.

Erile a bua kwa motshamekong wa makgaolakgang  wa kgwele ya dinao wa lekgotla la borre la Men Sector  ka Labotlhano, mothusa molaodi Mme Peggy Kutlase a ikuela mo go borre go fokotsa malwetse a tlhakaneleo dikobo ka go fokotsa palo ya baratani.

Mme Kutlase o ne gape a kopa borre go emisa go ratana le bana ba dikole ka ba santse ba le bannye mme ba ise ba kgone go ka tsaya ditshwetso tse di amang matshelo a bone mabapi le tlhakanelo dikobo.

O boletse gore go ima ga bana ba dingwaga tse di kwa tlase go tsweletse ka go golela pele mo kgaolong potlana ya Tsabaong  mme se se supa fa banana ba le bantsi ba tsena mo tlhakanelong dikobo e e sa sireletsegang ba santse ba le babotlana mme seo se dira gore ba tsene mo diphatseng tsa go tsenwa ke malwetsi a dikobo kana HIV/AIDS.

A re ka fa pego ya lekgotla la botsogo le le direlang mo kgaolong ya Kgalagadi ya 2013 e ntseng ka teng,  batho ba le 1803 ba ne ba tsenwa ke malwetsi a dikobo, seemo se pego eo e se supang fa se tshwenya fela thata.

Motshameko oo wa makgaolakgang  o ne wa tsewa e le wa go thibela malwetse a tlhakanelo dikobo le go thibela mogare wa HIV go tswa kwa go mmangwana go tsena mo ngwaneng.

Ipapatso eo kgatlhanong le mogare  e ne e ikaeletse go oketsa go itlhatlhobela mogare ga batshameki ba kgwele ya dinao le bolotloa ka e le metshameko e e nang le tatedi e ntsi.

Mo go yone kgaisano eo, lekalana la dipagamo tsa puso la CTO kwa Tsabong, le ne la tsaya maemo a ntlha ka go pega setlhopha sa khansele ya Kgalagadi dinno tse tharo go e le nngwe.

Bafenyi bao ba ne ba ikgapela kopi, dietsele tsa gauta le paka ya setlhopha sa batshameki. Setlhopha sa khansele ya Kgalagadi le sone se ne sa bona seetsele sa solofera le paka ya setlhopha. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : TSABONG

Event : Phuthego ya lekgotla la borre

Date : 02 Dec 2013