Breaking News

Thuto go tswa kwa moding e botlhokwa - mogolwane

13 Sep 2023

Sekole sa bananyana se se butsweng kwa Kokotsha sa Play Group se e leng sone sa ntlha sa sebopego seo mo kgaolong ya Tsabong se tlaa tokofatsa boleng jwa thuto go tswa kwa moding.

Se se tlhalositswe ke mothusa modulasetilo wa Khansele ya Tsabong Rre Ronald Baitsiwe fa a ne a rola semmuso sekole seo kwa Kokotsha ka Mosupologo.

Sekole se, se thaetswe mo dikagong tse e neng e le tsa puso bogologolo mme dipaakanyo tsa tsone di lopile P100 000.

Dipaakanyo di ne di tshwaraganetswe ke khansele ya Tsabong le ba lekalana le le ikemetseng la Learn to Play go tswa Gaborone.

Rre Baitsiwe o tlhalositse fa ditshekatsheko di supile fa thuto go tswa kwa moding e na le seabe ka e thusa bana go nna le bokamoso jo bo atlegileng.

O gwetlhile maphata a puso le a a ikemetseng ka nosi le batsaya karalo botlhe go tsenya letsogo mo mafelong a tshwana le a Kokotsha Play Group go aga motheo wa isago ya lefatshe.

Mookamedi wa lekalana le le ikemetseng la Learn to Play Mme Priyanka Handa o ne a tlhalosa fa ba ikemiseditse go tshwaragana le puso go tlhabolola thuto go tswa kwa moding.

Mme Handa a re bana ba tshwanetse go rutwa go simologa ba fatlhoga go fitlhela ba ikgethela se ba eletsang go nna sone mo isagong mme a supa fa ngwana mongwe le mongwe a tshwanelwa ke go akola thuto.

O ne a supa fa ba setse ba fitlheletse metse e le lesome go akarediwa le sa Kokotsha le dikgaolo di le thataro le bana ba le makgolo a mane le botlhano mo lefatsheng leno go simolodisa dikole tsa Play Group tse bana ba ithutang metshameko e e farologanyeng pele fa ba ya go ithuta go bala le go kwala.

Mme Handa o ne a supa fa lekalana la Learn to Play le amogetse bana ba le masome a mane gape le thapile batlhokomedi ba le bararo ba bomme go tswa mo Kokotsha. 

A re batlhokomedi ba ne ba isiwa ithutontshong ya beke tse pedi go ya go rutwa tlhokomelo, tshireletso, boitekanelo le tsotlhe tse di tlhokegang go rutwa bana. 

Kgosi Lefoko Kudume wa Kokotsha o ne a kgothatsa batsadi go ema ka dinao go atla ditlhabololo tseo ka go tshwaraganela tiro le barutabana, go tsaya boikarabelo le go tsenya letsogo mo dithutong tsa bana.

Mokhanselara wa Kokotsha Rre Diteko Janie o ne o supa fa motse wa gagwe o le lesego thata ka tshidimoloso ya sekole seo a tlatsa ka gore bana ba tlaa nna le sebaka sa go tshameka mo go haphegileg le go ithuta. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : KOKOTSHA

Event : Baitsiwe o rola sekole semmuso

Date : 13 Sep 2023