Breaking News

Mokgatlho wa Old Bones o abela banni dipompo

12 Sep 2023

Mokgatlho wa kgwele ya dinao wa Old Bones o abetse banni ba kgotla ya Ramogate kwa serowe dipompo.

Fa a bua kwa tirong ya go abela banni ba le babedi bosheng, mothusa molaodi wa Serowe Mme Lesedi Mogae  a re batho ba tshwanetse go fetola ka fa ba lebang metshameko ya kgwele ya dinao ya Tshipi ka teng. 

A re Old Bones e supile mowa wa bopelotlhomogi ka go tlhopha boo babedi go ba siela metsi.

Mme Mogae o tsweletse ka go supa fa metshameko e e tlwaelesegileng ka go bidiwa ya  Sontaga e sa thuse fela ka ditiro tsa  bopelotlhomogi mme e thusa gape le go ntsha banana mo mekgwatheng. 

O rotloeditse bagwebi gore ba tsenye letsogo mo go thuseng mekgatlho e, gore e kgone go fitlhelela maikaelelo a bone a go thusa ba ba tlhokileng lesego.

‘Setlogelwa tsatsing se ikisa meriting’, itseng gore boikarabelo jwa go duela metsi bo mo go lona, a tiro e ntle ya Old Bones e seka ya nna matsapa a lefela,” Mme Mogae a gakolola ba ba abetsweng dimpho.

Mokhanselara wa kgaolo ya Serokolwane, Rre Setlalekgosi Molefhi o akgotse mokgatlho wa Old Bones go dira tiro ya bopelotlhomogi.

Rre Molefhi o kaile fa e ne e se lantlha a nna karolo ya tiro ya bopelotlhomogi ya Old Bones, a re e ne ya re ka kgwedi ya Hirikgong monongwaga, ba ne ba abela bana ba dikole tse di mo kgaolong ya bone, se sebotlana le se segolwane tsa Mannathoko le sa Ranokanyane ka mesangwana ya bomme.

“Re sego thata gore e bo re santse re na le bana ba ba nang le bopelotlhomogi, ke nona pelo ka mathe ka se se supa fa lefatshe la Botswana le gatetse pele mo go diragatseng mogopolo wa ga Tautona Dr Mokgweetsi Masisi wa go fetola megopolo,” a bua jalo.

Mokwaledi wa mokgatlho wa Old Bones, Rre Mogakolodi Sekao a re ba dirisitse P5 000 go dira tiro eo.

A re ba kgonne go dira jalo ka tshwaragano ya bone le mekgatlho e mengwe ya dibolo tsa Sontaga e tshwana le All Coaches, Triple C le Easy Come.

“Re ne re rulagantse kgaisanyo ya letsatsi le le lengwe fela ya ditlhopha tse, mme ra kgona go dira P4 500.. Re ne ra tlatsa ka madi a mangwe go tswa mo letloleng la mokgatlho go dira tiro,” a tlhalosa.

Rre Sekao a re dingwe tsa dikgwetlho tse ba neng ba kopana le tsone e nnile gore banni bangwe  ba mokgatlho o neng o batla  go ba gokelela dipompo tsa metsi ba  ne ba sena ditankana tsa dijarata.

A re se, se ne sa kgoreletsa  tshimologo ya tiro ka ba ne ba tshwanelwa ke go mekamekana le Land Board go rarabolola kgang eo.

O gakolotse banni gore ba emele kgang ya ditlankana tsa ditsha ka dinao e se re kgabagare ba iphitlhele ba fitilwe ke dithuso tse di neng di ba lebagane.

Mokgatho wa Old Bones o tlhamilwe ka 2015 ke bana ba kgotla ya Sebabi, Rre Sekao a re maikaelelo a bone ke go dira ditiro tsa bopelotlhomogi e le tsela ya go direla motse wa bone.

A re mokgatlho wa bone gape o itebagantse le go lwantsha dikgang tsa kgokgontsho ya bong, a re e tlaare ka Lwetse a le lesome le borataro ba bo ba tshwere dikgaisano tsa kgwele ya dinao maikaelelo e le go gasa molaetsa ka dikgang tsa kgokgontsho ya bong.

A re tiro e, ba e tshwaraganetse le ba sepodisi le ba lephata la bong.

Ba ba abetsweng dipompo ba ne ba supa boitumelo, ba leboga mokgatlho wa Old Bones go ba gopola fa ba neng ba sa solofela teng.

Mme Kgakololo Keoagile a re o itumetse thata ka a sa bolo go go nna a kopa metsi mo baagisanyeng.

A re jaanong o na le seriti e bile o ntsha dikakanyo gore a bone gore o ka dira eng se se ka mo sologelang molemo.

Mme Onkgagetse Kedisaletse o ne a re “ke itumetse go feta selekanyo, bongwanake ba ne ba nna ba ya sekoleng ba le leswe, jaanong ke tla kgona go ba tlhatswetsa le rona re tla simolola go nna batho” a bua jalo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Patricia Speakson

Location : Serowe

Event : Kabo ya dipompo

Date : 12 Sep 2023