Breaking News

Kereke ya Sabata mo Serowe e tsibosa setshaba ka borai jwa tiriso ya ditagi

12 Sep 2023

Kereke ya Sabata kwa Serowe e kgadile e menne phatla tiriso botlhaswa ya bojalwa le ditagi.

Kereke eo, e ne e rulagantse mogwanto ka Tshipi go tsibosa setshaba ka borai jwa tiriso ditagi.

E rile a amogela baeng, Kgosi Malaki Marobela wa kgotla ya Marobela a supa fa le bone e le marara ba tshwenyegile thata ka tiriso ya ditagi mo motseng.

A re tiriso ya ditagi e borai  mo matshelong a bana ka ba kgona go ikgapela botshelo le gonna diphatsa mo matshelong a batho ba bangwe.

A re o leboga kereke ya Sabata go bo e bone go le botlhokwa go dira tiro ya mofuta oo, a re e kare dikereke tsotlhe di ka tsaya malebela.

Mongwe wa ba ba neng ba tsene mogwanto oo, Rre Tonderai Maphosa yo o dingwaga di masome mararo le bosupa a tlholega kwa Zimbabwe, a re o dirisitse ditagi mo dingwageng tse di lesome le botlhano.

A re o ne a rekisa ditagi, tse dingwe ba di itirela. Rre Maphosa a re o ne a simolola a tsena kwa sekoleng sa Solusi University kwa a neng a ithutela boruti.

A re ka tsatsi lengwe a tsena mo kamoreng ya maranyane ya sekole seo, a tsaya dibala makgolo di le masome a matlhano le bongwe a di rekisa tsotlhe a reka ditagi.

Rre Maphosa a re go dira jalo go ne ga utlwisa motsadi wa gagwe botlhoko thata ka sekole seo se ne se itsege ka bophepa e bile se sa letlelele tiriso ya ditagi.

A re o na le ngwaga tse pedi a tlogetse ditagi, e bile a gakolola banana go itlhokomolosa ditagi ka di ka ba senyetsa bokamoso.

Rre Maphosa o ne a tswelela a kopa batsadi go nna le botsalano le bana ba bone ka go dira jalo ba ka lemoga diphetogo tse di ba amang ka bonako.

Mongwe wa ba ba neng ba laleditswe go tswa kwa ofising ya sepodise ya Serowe, Constable Molemisi Ramolapong a re fela jaaka botsadi bo tshwenyegile ka tiriso ya ditagi  le bone e le ba mepodisi ba tshwenyegile.

A re mo Serowe go na le dikole tse bana ba teng ba dirisang ditagi ka dipalo tse di kwa godimo, e bong sekole se segolwane sa Swaneng, dikole tsa magare tsa Semane le Mannathoko.

A re bana ba dikole ba setse ba itirela metswako ya ditagi.

Constable Molapong a re motho fa a jele ditagi ga a laolesege, e bile ke gone mo go dirang gore go nne le kgokgontsho ya bong mo malapeng.

A re go na le batsadi ba ba neelang bana ditagi gore ba ye go di rekisetsa ba bangwe kwa sekoleng, a kopa ba ba dirang jalo go emisa ka gore ba senyetsa bana bokamoso. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Chendzimu Themba

Location : SEROWE

Event : Mogwanto

Date : 12 Sep 2023