Breaking News

Go ikgapela botshelo go a gola

12 Sep 2023

Mapodisi a Shakawe a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone rre wa dingwaga tse di masome a mane le borataro  a ikgapetseng botshelo kwa kgotleng ya Shaoshoko kwa Shakawe.

Fa a bua mo potsolosong, mogolwane wa mapodisi kwa Shakawe, Superintendent Ogolotse Tampa o tlhalositse fa rre yoo, yo o neng e le moagedi wa kgotla ya Shaoshoko, a fitlhetswe a akgega mo setlhareng ke bana ba ba neng ba ile go rwalela dikgong, fa goleng sekgwa teng mo kgotleng yone eo ka Tshipi motshegare.

Superintendent Tampa a re bana bao, ba ne ba ya go begela mmaabone se ba se boneng, mme ene a begela ba sepodisi.

A re mapodisi ba ne ba ragogela kwa lefelong la tiragolo, mme rre yoo a isiwa kwa kokelong kwa go fetileng ga rurifadiwa fa a tlhokafetse.

Superintendent Tampa a re ba sepodisi sa Shakawe ba tlhotlhomisa tiragalo e nngwe ya go ikgapela botshelo e e diragetseng kgwedi ya Lwetse e tlhola borataro.

O ne a re lekawana la dingwaga tse di masome a mabedi le bosupa le ne la ikgapela botshelo kwa morakeng wa Qhaha gaufi le motse wa Sepopa.

Superintendent Tampa o ne a re ditlhotlhomiso di supa fa rre yoo a ne a tlhaga ntlo ka maribelo mme a siela kwa masimo,  ba lelwapa la gagwe ba mo sala morago mme ba fitlhela a ikaleditse.

Mogolwane wa mapodisi a Shakawe, o ne a re dikgetsi tsa mohuta oo di a tshwenya mo kgaolong ya bone ya sepodisi a supa fa go kwadisiwa dikgetsi di ka nna pedi mo kgweding.

Ka jalo o ne a gakolola setshaba go kopa bogakolodi fa ba na le mathata mo go ba sepodisi, ba bookelo le ba ba ithutetseng go sidila maikutlo go fenya diemo tseo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : GUMARE

Event : Ditlhotlhomiso tsa mapodisi

Date : 12 Sep 2023