Breaking News

Motlhopi o letlelelwa go tlhopha gangwe

12 Sep 2023

Mokwaledi mogolo wa lekgotla le le tsamaisang ditlhopho la Indepedence Electoral Commission (IEC), Rre Jefferson Siamisang, a re le fa motho a ka  ikwadisetsa ditlhopho mo mafelong a le mantsi, o tlhopha fela golo go le gongwe.

Fa a buisa khansele e e tsweletseng ya Palapye, Rre Siamisang a re mo dinakong dingwe bangwe ba kgona go supa fa ba tlhophile mo mafelong a a farologaneng a tlhalosa fa seo e se nnete ebile se sa diragale.

O tlhalositse gore morago ga ikwadisetso ditlhopho, maina a ba ba ikwadisitseng a tsenngwa mo sebala makgolong go ya ka dikgaolo tsa botlhophi mme fa sebala makgolo se ka tsenya leina la motho ga se na go le boelela gape mme se tsile go le gana ga le ka tsenngwa gape. 

Ka jalo a re ga go kake ga diragala gore motho a tlhophe go feta gangwe.

Rre Siamisang a re go ikwadisetsa ditlhopho gantsi ga go a siama ka go kgona go feleletsa go dira gore motho a seka a tlhopha ka leina la gagwe le kgona go ya kwa kgaolong e a neng a ikwadisitse teng mme maikaelelo e ne e se go tlhophela teng. 

Mo go tse dingwe, Rre Siamisang o ne a itsise makhanselara fa ikwadisetso ditlhopho ya botlhe e e baakanyetsang ditlhopho tsa 2024 e tlaabo e tshwerwe go simolola ka kgwedi ya Ngwanatsele a rogwa go fitlha Ngwanatsele a fela mo ngwageng ono. 

A re erile go le pele ba ntsha molaetsa wa gore go tla a ikwadisetswa ditlhopho ka kgwedi ya Phalane mme ba fetola se ntateng ya mabaka mangwe. A re kgang e, e ne ya rokotsa maikutlo a a farologanyeng go tswa mo mekgatlhong e e farologanyeng ya sepolotiki. A re bangwe ba ne ba nna le dipelaelo tsa gore gongwe ba IEC ba na le lekunutu le makgotla mangwe a sepolotiki. 

O ne a supa fa seo e se boammaaruri. A re ga gona bosula bope jo ba IEC ba leng mo go jone. O ne a ikuela mo makhanselareng go tsaya molaetsa wa go ikwadisetsa ditlhopho ka tlhoafalo ba bo ba thuse go o anamisa mo setshabeng. A re tsamaiso ya ditlhopho e a tura ebile e dirisa madi a e leng makgetho a Batswana ka jalo fa IEC e bolotsa ikwadisetso ditlhopho, Batswana ba ba tshwanetseng go tsaya karolo mo go tsone ba tshwanetse ba dire jalo. A re Batswana ba tshwanetse ba eme ka dinao gore e seka ya nna ekare madi a ne a latlhelwa mo botlhobodikeng. O ne a supa fa mo nakong e e fetileng go na le dilo dingwe tse di neng tsa fatlha mo tsamaisong ya ikwadisetso ditlhopho. 

A re melao ya tsamaiso ya ditlhopho le melawana e mengwe e e amanang le tsamaiso ya ikwadisetso ditlhopho mo lefatsheng leno e neela motlhophi boikarabelo jwa gore a ikwadisetse ditlhopho ebile ga gona gope mo molaong fa mongwe a fiwang boikarabelo jwa gore a kwadisetse yo mongwe ditlhopho. 

A re tse di tlhokiwang mo go yo o ikwadisetsang ditlhopho ga di ise di fetoge mme o tshwanetse ya bo e le Motswana, a le dingwaga tse lesome le boferabobedi (18) le go feta e bile a na le Omang yo o mo tirisong.

A re molao wa tsamaiso ya ditlhopho mo lefatsheng leno o gatelela gore motho o nna kae mme fa motho a na le mafelo a le mantsi o tlhopha bonno jwa konokono kwa a nnang teng nako e ntsi mme a ikwadisetse mo lefelong le le gaufi le fa a nnang teng. 

Rre Siamisang o ne a gatelela kgang ya gore motlhophi o tshwanetse a itse kwa a tshwanetseng go ikwadisetsa ditlhopho teng.

Le fa go ntse jalo a re batho bangwe ba kgona go tsaya batho ba ya go ba kwadisetsa go sele mme go dira jalo go se ka fa molaong.

A re yo o ka bonwang molato wa go dira jalo o ka atlholwa go duela P7500 kana go ya kgolegelong. 

O ne a kopa setshaba go thusa go lwantsha kgang ya go utswa batlhophi ka e kgona go tsosa dikgotlhang mo makgotleng a sepolotiki ka go farologana kana mo makgotleng a sepolotiki kgatlhanong le ba IEC setshaba se tsaya gore IEC e tshwaragane le makgotla mangwe a sepolotiki. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : PALAPYE

Event : Phuthego

Date : 12 Sep 2023