Seboko sa segopa se ile kupu
01 Feb 2013
Moanamisa mafoko wa lephata la temo-thuo, Rre Moreri Moesi, o begile fa seboko sa segopa se ile kupu.
A re seboko seo se tsaya malatsi a ka nna masome a mabedi le bobedi se le fa godimo ga mmu, se bo se ikepela. Balemi ba le bantsi ba ntse ba sa robatswe ke go tlhagoga ga seboko sa segopa ka se le maswe thata mo dijwalong.
Rre Moesi o bega fa dipula tse di gosomaneng kwa dikgaolong tsa bokone, di tlile balemi matshediso ka go se gogola mo masimong. Ka Modimo o se ka o o ja nkabo, kwa dikgaolong tsa Kweneng, balemi ba ne ba namolwa ke makololwane ka go se ja.
Lephata la temo-thuo le tlhalosa le gore tshenyo ya seboko sa segopa e bonetse thata mo dikgaolong tsa borwa. Rre moesi o ne supa gore ba ne ba tsibogela go lwantsha seboko seo, e bile ba eme sejaro go se tlhabantsha fa se ka wa la bobedi.
Le fa go ntse jalo, moanamisa mafoko o tlhalositse gore ba ka se ke ba kgone go neela balemi ba ba jetsweng ke seboko seo dipeo gore ba leme sesha ka ntlha ya gore paka ya go lema e setse e fetile, se ba ka se dirang e le go ipaakanyetsa go se lwantsha fa se ka ba tlhasela gape. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : -
Location : GABORONE
Event : Pego
Date : 01 Feb 2013






