Breaking News

Ba Hukuntsi ba lebogela maranyane

06 Sep 2023

Mothusa modulasetilo wa khansele ya Hukuntsi, Mme Kebaneilwe Mmesetse, o akgotse ba khamphani ya Mascom go atolosa mafaratlhatlha a ditlhaeletsanyo mo kgaolong.

O buile seo bosheng jaaka Mascom e ne e rolela morafe wa Hukuntsi mafaratlhatlha a maranyane a itsegeng ka 4G.

Mme Mmesetse a re se se dirilweng ke ba Mascom ke go supa fa ba diragatsa maitlamo a bone, a gore motswana ope a seka a salela kwa morago mo go tsa maranyane a sesha.

A re go maleba gore kgaolo ya bone, e gokelelwe maranyane ka seo se tla ba thusa go tlhabolola dikitso le tiriso ya boranyane mo kgaolong.

O tlhalositse fa maitlamo a puso  e le go tlhabolola itsholelo ya lefatshe leno, go nna e e ikaegileng ka dikitso le maranyane.

Mme Mmesetse a re katoloso ya maranyane mo kgaolong ya bone, e tsile ka nako ee maleba ka metse e mengwe mo tikologong e ntse e saletse kwa morago. 

A re ka ntlha ya maranyane a, banni ba kgaolo ba tlaa kgona go anya dikitso tse di tseneletseng ka mananeo a puso mo maranyaneng mme go ba fokoletse mosepele wa go ya go latedisa ka dikgang dingwe.

 O ne a tlatsa ka gore, ba tlaa kgona le gone go tlhaeletsana le ba masika le ditsala ka methale ya sesha ya go buisana. 

Mo go tse dingwe, o ne a gwetlha morafe go itepatepanya le diphetogo ka go  ikanya tiriso ya maranyane go itse ka ditiragalo go ralala lefatshe ka bophara.

Fa a bua ka maikaelelo a letsatsi leo, mogolwane wa tsa maranyane, Rre Kgosietsile Motsumi a re khamphani ya Mascom, e itlamile go isa ditirelo tsa ditlhaeletsanyo lefatshe ka bophara.

Rre Motsumi a re maranyanea botlhokwa, ka jalo ba ipeetse seelo sa go di goga kwa tlhogong mo go tsa phatlalatso ya mafaratlhatlha a ditlhaeletsanyo.

Mo mafokong a gagwe a kamogelo, Mothusa Kgosi ya Hukuntsi, Kgosi Keolopile Leipego, o ne a lebogela mafaratlhatlha ao, a re ke tsela nngwe ya go supa fa Mascom e gatetse pele mo go diragatseng dikeletso tsa tebelopele ya setshaba ya 2036.

A re go tlhabololwa le go phatlalatswa ga maranyanae a, ke kgato ee maleba ka jaana banni ba tla nna le tshono ya go akola ditirelo tse di tlang ka tiriso ya maranyane kwa ntle ga makgwere ape.

 O ne a supa fa maranyane, a kgona go fa balwetsi sebaka sa go itekodisa dingaka ka botsogo jwa bone ba ntse ba le mo Hukuntsi ba sa patelesege go latela bongaka kwa mafelong a kgakala, go fokotsa ditshenyegelo.

Fa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo ya Hukuntsi Bophirima, Rre Phodiso Mokgethe, a supile fa kgaolo ya bone go tswa goo-Lowe e ne e lebaganwe ke dikgwetlho tsa ditlhaeletsanyo.

A re go ne go se bonolo go dirisa megala ya mesokelatsebeng jaaka kwa mafelong a mangwe, mme ka tebelopele ya ba Mascom, ba kgonne go ba fitlhelela gore le bone ba kgone go tshwaragana le lefatshe ka kakaretso mo go tsa ditlhaeletsanyo.

Rre Mokgethe o ne a supa fa bogologolo go ne go dirisiwa dikammela go romela makwalo kwa mafelo a mo tikologong, mme se se bake tiego mo go fitiseng melaetsa ka nako e eletsegang.

Ka jalo, o ne a gwetlha banni go atla maranyane ao, mme ba a dirise ka fa tshwanelong go tlhabolola matshelo a bone.

O ne a tlatsa ka go gwetlha dikhamphani go thusa ka go otlolola letsogo ka go thusa dikole tsa mo kgaolong ka botswampelo go thusa go tokafatsa maduo a thuto. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Malebogo Lekula

Location : HUKUNTSI

Event : Mascom e atolosa marayane

Date : 06 Sep 2023