Batsadi ga ba a tlhagola tsela
01 Feb 2013
Go begwa fa batsadi ba bana ba bone ba dirang lekwalo la bongwe kwa sekoleng se sebotlana sa Letlhakeng, ba sa nna le seabe mo go tlhagoleng tsela ya thuto, ya go ruta bana go kwala maina a bone le go kwala ditlhaka pele ba ka tla go simolola sekole.
Se se boletswe ke morutabana mo lephateng la bana ba ba kwa tlase, Mme Ketlogetswe Motsatsi, mo phuthegong ya batsadi le barutabana e e neng e tshwaretswe kwa sekoleng seo mo bosheng.
Mme Motsatsi o ne a tlhalosa fa ba lephata la thuto mo lefatsheng leno ba ne ba ntshitse mogopolo o montle, wa gore bana ba kwadisiwe pele ga ngwaga o simologa mme seo se ba fe sebaka sa go tlwaela sekole le gore batsadi ba ba rute go kwala maina a bone.
A re o swabisitswe ke gore bana ka bontsi ga ba itse go kwala maina a bone mme se se supa fa batsadi ba sa itshwenya ka go ba ruta. O ne a tswelela a tlhalosa fa seo se ka baka kwelotlase ya maduo ka jaana go sa nne motlhofo mo go bangwe, go tshwara se ba se rutwang ka bonako.
O gakolotse batsadi go itse barutabana ba bana ba bone, go tlhofofatsa tiro ya go lekola ka fa ngwana a dirang ka teng. Batsadi ba ne ba tlhalosa fa bontsi jwa bommabana ba e le banana mme e bile ba se na sepe le bana ba ka jaana ba ba tlogela le basadibogolo ba re ba ya go batla mebereko kwa mafelong a mangwe.
Ba ne ba tswelela ka go tlhalosa fa bontsi jwa bana ba go nna jalo, ba sa tlhokomelesege. Batsadi ba ne ba ikopela gore bana ba nne ba fiwe tiro letsatsi le letsatsi go e dira kwa malwapeng, ba tlhalosa fa seo se ka ba fa sebaka sa go thusa bana ba bone le go itse se ba se rutwang kwa sekoleng.
Mogokgo wa sekole seo Mme Sibongile Matshambane, o ne a kgothatsa batsadi go tsaya karolo mo tirong ya sekole ya bana ba bone. O ne a tlhalosa fa bopelotelele, tshwaragano le tirisano e le tsone di ka ba thusang go tokafatsa maduo a sekole sa bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gofaone Makhaya
Location : LETLHAKENG
Event : Phuthego ya batsadi le barutabana
Date : 01 Feb 2013






