Breaking News

Tshomarelo lefatshe kgetsi ya tsie

01 Dec 2013

 Ke boikarabelo jwa Motswana mongwe le mongwe go somarela lefatshe. 

Go buile jalo molaodi wa borwa botlhaba, Rre Ian Tema kwa moletlong wa letsatsi la botsogo wa lekgotla la kabo ditsha la Malete kwa Ramotswa. 

A re tshomarelo ya lefatshe ga e ame maloko a kabo ditsha fela, ka jalo Motswana mongwe le mongwe o tshwanetse go nna le seabe mo tshomarelong ya lefatshe ka jaana e le maikarabelo a setshaba. 

A re o buisiwa se ke go bo dipalo tsa batho ba ba rekisang ditsha di le kwa godimo go phala palo ya ditsha tse di ajwang. 

O kaile fa Batswana ba le lesego ka jaana ditsha di sa ntse di ajwa mahala, ka jalo ga ba a tshwanela go ikamoga tshwanelo ya go nna le ditsha. 

Rre Tema o tladitse ka go re le yone pina ya setshaba e bua go re lefatshe leno la rona ke mpho ya Modimo, ka jalo mpho e ga e a tshwanelwa go ajwa.

O kopile batsadi gore ba rute bana ka bomosola jwa go nna le ditsha le ditlamorago tsa go di rekisa. Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa lephata la kabo ditsha la Malete, Mme Lesego Oteng, a re malatsi a go tshwana le a, ke a go leka go itshwaraganya le setshaba go nna seopo sengwe. 

A re moono wa letsatsi le, ke Go Itsetsepela mo Tlhokomelong ya Lefatshe ka Bodiredi jo bo Itekanetseng. 

Mme Oteng a re moono o o ama babereki botlhe gore ba ntshe ga tshwene mo tirong. 

O kopile setshaba gore fa e le gore go na le sengwe se se sa ba itumediseng ka bodiredi jwa ofisi ya bone ba tlalee kwa bagolwaneng ka go dira jalo go ka ba thusa gore ba itshekatsheke ba tle ba boele mo tseleng.

A re go gotlhagotlhana ga bone le badiri ga go a tshwanela go dira gore setshaba se goge dinao mo go tse di amang lekgotla la kabo ditsha. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Lesego Lelokwane

Location : RAMOTSWA

Event : Moletlo wa letsatsi la botsogo

Date : 01 Dec 2013