Breaking News

Seso se monate se ingwaelwa

01 Dec 2013

Modulasetilo wa lekgotla la Botswana Manual Workers Union, Rre Gobitsa Lehoti o kgothaditse maloko a lekgotla leo go tsena diphuthego le go tsosolosa dikomiti mo maphateng a ba direlang mo go one gore ba tle ba kgone go itharabololela mathata.

Rre Lehoti o dirile kgothatso e mo phuthegong e e neng e tshwaretswe kwa Mahalapye go buisana ka dikgwetlho tse di lebaneng le lekgotla leo ga mmogo le phuthego kgolo e e neng e tshwanetse go tshwarwa kgwedi e e tlang e jaanong e tlaa tshwarwang ka Mopitlo.

A re go maswabi go bona badirelapuso ba ba duelwang ka letsatsi ba palelwa ke go tsena diphuthego tsa lekgotla ntswa e le bone ba ba kokonelwang ke manokonoko a botshelo a tshwana le dituelo tse di kwa tlase, go kojwa mo ditirong le go kgokgontshiwa ke bagolwane.

Rre Lehoti o boleletse batho ba ba neng ba tsene phuthego eo gore mmereki mongwe le mongwe yo o sa kgoneng go tsena diphuthego tsa lekgotla ntswa a kopilwe ka fa tsamaisong ke baeteledipele ba lekgotla mo tirong, o tshwanelwa  ke go tseelwa dikgato ka go dira jalo e le go roba molao.

A re komiti ya gagwe e e itebagantseng le go lwela ditshwanelo tsa babereki e ka tswelela sentle fela fa dikomiti tsa maphata di ka ititaya ka thupana go bua ka matshwenyego a babereki, go emisa go tsena thari mo ditirong, go emisa go itirisetsa dithoto tsa puso le go emisa go nwa mo mmerekong .

E rile leloko la komiti kgolo ya lekgotla la Botswana Manual Workers Union, Rre Tukula Tukula a bua mo phuthegong eo, a tlhalosa fa puso e tsere tshwetso ya go duela babereki ba ba ntseng ba duelwa ka letsatsi madi a melala ya metsotso e le lesome le botlhano go tsweng ka kgwedi ya Ngwanatsele ngwagatlola. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : MAHALAPYE

Event : Phuthego

Date : 01 Dec 2013