Babereki ba Taung ba direla bangwe
01 Dec 2013
Babereki ba motsana aa Taung kwa ga Malete le Kgosi Lebogang Masie ba abetse batlhoki dijo le melora ka Labone.
E rile a amogela baeng, kgosi Masie a supa fa ba ne ba akanya go phepafatsa Taung, mme ba bona fa go sa lekana go phepafatsa fela ba sa thuse ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng, mme ba tlhopha bomme Akanyang Makapane le Galeo Moeletsi go ba abela.
Kgosi Masie o supile fa ba tsere boikarabelo jwa go netefatsa gore motse wa bone o nna o le phepa ka dinako tsotlhe. E rile a ntsha maikaelelo a letsatsi, mokwaledi wa kgotla ya Taung, Mme Lesedi Mekgwe a supa fa ba ikaelela go netefatsa gore motse wa bone o nna o le phepa.
Mme Mekgwe a re ba lemogile gore tikologo e e phepa e simologa fa motho a leng teng le mo tikologong ya gagwe. O supile fa ntlha e nngwe e le go ruta bana bophepa ba sale bannye, ka tikologo e e phepa e rotloetsa botsogo jo bo itekanetseng.
Mogokgo wa sekole se segolwane sa Taung, Rre Mokganedi Mokaedi a re go thusa tshaba e o tshelang le yone ga se go tla ka mamphemphe fela. O supile fa tikologo e e phepa e le botsogo jwa botlhe, a bo a supa fa dipaka tsa ngwaga di fetogile, ka ntlha ya tikologo e e kgotlesegileng.
Rre Mokaedi o kopile Batswana gore fa ba dirisa dilo, ba di dirise sentle le gone go di busetsa mo tirosong. O kaile fa lobopo lo kgotlelesegile ka ntlha ya ka fa motho a akanyang ka teng.
A re fa motho a phepafatsa tikologo ya gagwe mme yo o bapileng nae a sa phepafatse ya gagwe, leswe leo le ya go ba ama botlhe. E rile a leboga, mokhanselara wa Taung, Rre Gabriel Nawa, a supa fa moono wa go thusa ba ba kobo dikhutshwane o dule ka Tautona wa lefatshe leno, Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama, a supa fa le mo Baebeleng o le teng.
O lebogetse Batswana go tsosolosa mowa o, ka jaana ba fitlhetse bagologolo ba thusana. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : RAMOTSWA
Event : Phuthego
Date : 01 Dec 2013






