Breaking News

Dikgwebo tsa banana di lebanwe ke digwetlho

01 Dec 2013

E re le ntswa puso e ntshitse mananeo a  banana go tlhabolola matshelo a bone le go ba tlhamela ditiro, go santse go na le dikgwetlho tse dikgwebo tsa bone di lebaganeng le tsone.

Go ya ka monana mongwe yo thusitsweng ke lekalana la banana go simolola kgwebo ya thekiso ya dijo tsa leruo, Rre Thuso Bahuma, mathata magolo a a lebaganeng le one ke a lefelo.

O tlhalositse fa a ne a ntshiwa mo lefelong le aneng a direla mo go lone ka gotwe ga se la madirelo (indusrial plot) ka jalo a tshwanetse go batla lefelo le le tsamaelang le kgwebo ya gagwe. Are one a ya ko go ba lephata la ditsha go kopa lefelo mme nakokgolo ke eno.

Fa tlhalosa moanamisa mafoko ko go ba lephata la ditsha, Mme Prudence Lekhutlile  are lefelo  la madirelo le wela ka fa tlase ga mafelo a kgwebo ka jalo gore o fiwe lefelo la madirelo o tshwanetse go ntsha setlankana sa kgwebo le lenaneo le le supang ka fa o tla bo otsamaisa kgwebo ya gago ka teng.

Kka jalo a gwetlha bo Re Bahuma go tla go kopa ditsha tsa madirelo ka go ka direga gore dipampiri tsa bone di bo di latlhegile ka na di ne di seng mekwalo tse di tshwanetseng. O ne a tlhalosa gape gore bone e le ba lephata la ditsha ga ba amege gope mo go ntshe batho mo lefelong, tiro e dirwa ke ba khansele.

Mo go e nngwe Mme Sarah Seoko wa madirelo a meriri ko Omaweneno o tlhalosa fa maphata ka go farologana a sa ba fe dithuso tse di tshwanetseng. Are ba lephata la tsa ditlankana bane ba re a fetole setlankana sa kgwebo ya gagwe e nne sa go beola le go loga meriri fela.

A re ba re a seka a dirisa metswako epe fela ka lefelo le aneng a direla mogo lone lene le sena kgopho ya metsi a a leswe le ntswa ene ele tsone tse di neng di mo tsenyetsa madi a a botoka.

Mme Seoko are go tsweng foo ba lephata la botsogo le bone bane ba mo ntsha mo lefelong le a neng a direla mo go lone ba tlhalosa fa le se mo seemong se se siameng ka jalo le le kotsi mo matshelong a batho.

Fa a tswelela a tlhalosa mme Seoko a re o ne a patelesega go ya go direla ko lapeng, mme kgwetlho kgolo ya nna go batla ntlo ye a ka tsamaisetsang kgwebo ya gagwe mo go yone. A re one a ya go reka motlaagana ko go ba lephta la ditsela ka palabalo, e a direlang mo go yone ka sena sebaka.

Are mathata a mangwe ke go tlhoka motlakase le metsi mo lefelong le a direlang mo go lone ka jalo a patelesega go reka petorole tsatsi le letsatsi gore a kgone go dirisa metshine ya gagwe.

Go  ya ka moitsaanape wa tsa tikologo mo khanseleng ya kgalagadi rre Kago kgengwenyane, ba dira tsheka tsheko ya dikago kgapetsa kgapetsa mme morago ga go dira pego ba kope beng ba dikago tse di seng mo seemong se se siameng go di baakanya.

O tsweletse ka gore go tsweng foo ba emela beng ba dikgwebo go tla go ntshafatsa ditlankana mme ba mafelo a a sa tsamaelane le seelo se se beilweng ba seke ba ntshafaletswe ditlankana. Rre Kgengwenyane one a tswelela ka gore dikgwebo tse di thusistweng ke lekalana la banana ga di tswalwe ka jalo ga gona ka tsela epe e kgwebo ya ga mme Seoko e ka tswalwang.

Fa a tswelela ka go tlhalosa rre Kgengwenyane are go ya ka kitso ya bone mme Seoko ga a ise sekasekelwe lefelo monongwaga ka jalo o dira go se ka fa molaong.

Mme seoko one a fetsa ka gore ere le ntswa puso e ba thusitse fela thata go ana le maphata a a itsang tswelelo pele ya mananeo a puso. O tlhalosa fa tlhaelo ya metsi le ditsela tse di sa siamang mo motse di kgoreletsa batho go tla ko madirelong a gagwe. Bokhutlo

 

Source : BOPA

Author : Oteng Gabankalafe

Location : TSABONG

Event : Phuthego

Date : 01 Dec 2013