Breaking News

Lebelo le le kwa tlasetlase le borai

01 Dec 2013

Modulasetilo wa khansele ya borwa, Rre Leach Tlhomelang a re molao wa tsela o tshwanetse go sekasekwa bogolo jang fa o buang ka lebelo le le letlelesegang.

Rre Tlhomelang a re e re le ntswa go na le mabaka a mantsi a a bakang dikotsi mo tseleng, lebelo le le kwa tlase mo go feteletseng le lone le na le seabe.

A re se se dirwa ke gore molao wa lefatshe leno o supa fela lebelo le letona le le letlelesegang, mme go sena fa bakgweetsi ba letlelelwang go felela teng mo lebelong le le kwa tlase. 

A re bakgweetsi bangwe ba dirisa molao o o botlhaswa ka go tsamaya ka lebelo le le kwa tlase-tlase ba itse fa ba ka seke ba tshwarwe. O ne a bua jaana kwa moletlong wa segopotso sa ba ba amilweng ke dikotsi tsa tsela wa kgaolo potlana ya Mabutsane kwa motseng wa Morwamosu bosheng. Moletlo o o ne o kopantswe le wa mafatshefatshe wa bana-le-bogole.

Rre Tlhomelang a re sebaka se gorogile gore molao wa lefatshe leno o sekasekwe go tsewe malebela mo mafatsheng a mangwe a a tlhabologileng ka jaana loebelo le le kwa tlase mo go feteletseng le lone le na le seabe mo dikotsing tsa tsela.

A re ditsela tsa lefatshe leno di ditshesane ka jalo bakgweetsi ba ba tsamayang ka lobelo lo lo kwa tlase ba ka dirisa ba ba lekang go ba feta dikotsi.

Le fa go ntse jalo, modulasetilo gape o supile fa go kgweetsa ka lebelo le le kwa godimo le gone go le borai mo matshelong a badirisa tsela botlhe ka go farologana. A re bontsi jwa banana ba kgatlhwa ke go reka dikoloi tse di tabogang thata mme ba di dirise botlhaswa mo tseleng ebile ba sa rekegele bakgweetsi ba bangwe le batsamaya ka dinao.

O boile gape a kopa bakgweetsi gore ba nne kelotlhoko mo ditseleng ka jaana bontsi jwa ditsela tsa lefatshe leno di le mo seeming se se maswe.  A re ere ntswa gona le matshwao a a sa bonaleng sentle mo ditseleng, bakgweetsi le bone ba na le mokgwa wa go itlhokomolosa matshwao a tsela.

Rre Tlhomelang o kopile bakgweetsi go netefatsa gore dikoloi tsa bone di itekanetse sentle ebile le dithaere di mo seemo se se siameng. O boletse fa gape go le botlhokwa gore dikara tsa ditonki di gokelwe dibenyabenyi gore bakgweetsi ba kgone go di bona ba sale kgakala, bogolo jang bosigo ka go a be go le lefifi.

Fa a bua ka tsa bana-le-bogole, modualsetilo o kopile banni ba metse ya kgaolo potsala ya Mabutsane go fa bana-le- bogolo maikarabelo a ditiro tse di farologanyeng. A re bana le bogolo ba tshwanetse ba fiwa sebaka sa gore le bone ba nn le seabe mo ditlhabololong tsa lefatshe leno.

O kgadile mowa wa gore batho ba ba nang le bogole ba kgaphelwe ntle mo ditirong tsa setshaba, a tlatsa ka gore bangwe ba bone ga ba rate go nenekediwe ka ntlha ya bogole jwa bone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kehumile Kgosisejo

Location : JWANENG

Event : Phuthego

Date : 01 Dec 2013