Bagwebi ba sola molemo letsatsi la ipapatso
01 Feb 2013
Bagwebi ba ba botlana go tswa mo metsaneng e mmalwa mo Kgalagadi Borwa ba ne ba kokoanetse kwa mmolong wa Tsabong go rekisa le go supa dilwana tsa bone mo letsatsing la ipapatso (market day) la ntlha mo ngwageng, le le neng le rulagantswe ke maphata a puso ka go farologana mo Tsabong .
Bagwebi bao, ba ne ba rekisa dilwana tse ba di itiretseng ka diatla jaaka dinkgwana, merogo, dibaga, dikobo, ditlhare tsa meriti le maungo, diaparo tsa ngwao le manyena a a dirilweng ka dipampiri tsa dikgang.
Mo potsolosong, Mme Leagile Senwamadi, yo e leng mongwe wa barulaganyi ba letsatsi leo, o boletse fa ba lephata la boipelego ba ikemiseditse go ruta batho ka metlhale ya go itirela gore batle ba kgone go ikemela ka nosi mo boemong jwa go ikaega ka puso.
O boletse fa lephata leo, le ne la ruta bagwebi ba Kgalagadi dikitso tse di seyong mo kgaolong ya bone jaaka go dira dinkgwana tsa letsopa. O ne a tswelela ka go tlhalosa fa go dira jalo go ba tswetse mosola ka bangwe ba ba neng ba tsile go rekisa dinkgwana tsa letsopa mo letsatsing leo, e le ba ba anyilwe dikitso tsa go di bopa mo dithutong tse di neng di rulagantswe.
Mme Senwamadi o boletse fa maiteko a a dirilweng ke puso a go dira gore letsatsi la ipapatso le nne kgwedi le kgwedi mo dikgaolong le tla thusa bagwebi go go kopana le ba bangwe go abelana mogopolo le go bapatsa dilwana tsa bone.
A re go botlhokwa gore mo nakong e e tlang, bagwebi ba dikgaolo tse dingwe ba lalediwe mo letsatsing la ipapatso la Kgalagadi Borwa go amogana megopolo le ba bangwe, le gore bagwebi ba kgaolo ya bone ba lalediwe go supa le go rekisa tsa bone kwa dikgaolong tse dingwe.
Bagwebi ba ba neng ba tsile go rekisa mo letsatsing leo, bare ba itumelela gore ba bo ba tswa kwa metsaneng ya bone kgwedi le kgwedi go rekisa le go bapatsa dilwana tsa bone. Ba re go dira jalo go ba baya mo mpepeneng ka ba felela ba itsege ebile ba rekelwa.
Le fa go ntse jalo, ba ne ba ngongoregela theko e e neng e le kwa tlase mo letsatsing leo, ba kaya fa letsatsi le, le ne le sa ba siamela ka babereki ba ne ba sale ba amogetse go le bogologolo. Ba re bontsi jwa batho ba ne ba kgatlhegela dilwana tsa bone mme sebe sa phiri e le gore ba ne ba sena madi a go reka ka nako eo.
Ba kopile gore mo nakong e e tlang, go bewe letsatsi la thekiso nako e bontsi bo amogetseng madi ka lone. Ba re ba eletsa fa malatsi a thekiso a ka okediwa gore e nne malatsi a mabedi, se e le go ba neela sebaka sa gore dilwana tsa bone di rekiwe ka bontsi.
Bangwe ba ne ba tlatsa ka gore ba eletsa go thusiwa, gore ba kgone go rekisa kwa mafelong a a kwa ntle jaaka Gaborone, Jwaneng le lefatshe le baagasanyi la Aferika borwa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Michelle Laba
Location : Tsabong
Event : Letsatsi la ipapatso
Date : 01 Feb 2013






