Kgosi o kopa batsadi go kgalema bana
28 Nov 2013
Kgosi ya Maboane mo kgaolong ya Letlhakeng Bophirima, Kgosi Tirelo Motseonageng, o supile fa a tshwenngwa ke boitseme jwa batsadi bangwe mo motseng wa gagwe, ba ba palelwang ke go kgalema le go kaela bana ba bone tsela e e tlhamaletseng.
Kgosi Motseonageng o ne a ntsha matshwenyego a mo potsolotsong bosheng. A re motse wa gagwe o aperwe ke botlhoka tsebe jo bo kwa godimo fela thata mo bananeng mme se se dirwa segolo bogolo ke go tlhoka kgalemo e e nonofileng go tswa mo batsading, go supa fa ba kgathala ka bokamoso jwa bana ba bone.
Kgosi a re banana ba motse wa gagwe ba inaakantse le go dira dilo tse di maswe e bile di fatlha, jaaka go itontela majalwa, go lwa e le baratani mmogo le gone go utswa leruo; mo jaanong go setseng go senya le leina la motse, ka jaanong o fetogile motse wa diganana.
A re o setse a kile a tshwara dikgetse di le mokawana, tse di amanang le jone bogodu jwa leruo, e bile le botsadi o setse a kile a bo bitsa go tla go thusanya, ba buisanya ka boitsholo jwa bana mo motseng.
A re le matsapa a tserwe go le kana; ga go phetogo epe e e bonalang. A re ka mabaka a mangwe o a tle a tseye matsapa a go bua le bone banana go ba gakolola ka dipe tse di ka tswang di ama matshelo a bone; bogolo jang dikgang di tshwana le go tsaya ditshwetso tse di seng maleba, jaaka go lwa le go bolaana fa lerato le fedile; a supa fa e se tharabololo.
Mme o ne a wela ka go kgothatsa banana, bogolo jang ba basimane gore, ‘monna ga a fele’, ka jalo ba itse gore fa lerato le fedile le a bo le kgaritlhegile; ke ka moo go tweng, ‘se ileng se a bo se ile, moselatedi ke lesilo.
Mo go tse dingwe, Kgosi Motseonageng o ne a bolela fa a sa robatswe ke letlhoko la boroko jwa babereki mo motseng wa gagwe, mo e bile go dira gore bangwe babereki ba tlhoke go ya go direla koo; fela ka ntata ya lone letlhoko la boroko. Le fa go ntse jalo, o boletse fa gone tirisanyo mmogo e le teng magareng ga bodiredi jo bo teng mo motseng le morafe ka kakaretso.
Fa a itebaganya le dikgang tsa metsi, Kgosi Motseonageng o boleletse lekalana la BOPA fa motse wa gagwe o aperwe ke lenyora. A re fa e sale ba kompone ya metsi ya Water Utilities ba tsaya ditirelo tsa metsi mo go ba khansele, motse wa gagwe o tshelela mo letlhokong le le kwa godimo la metsi. O boletse fa dingwe dipompo di sale di tswalwa, mme go dirisiwa pompo e le nngwe fela mo motseng; kgang e a supileng e ba tshedisetsa mo kgobedung.
A re le kgang e motse wa bone, e leng Maboane le metse e mengwe jaaka wa Takatokwane le Dutlwe e nosiwang ke tanka e le nngwe fela ka teng, go ba tshwenya le go feta ka go baka tlhaelo e ntsi ya metsi. A re ba sale ba ikuetse kwa go ba WUC, ba ba ileng ba ba tshepisa go araba dilelo tsa bone; mme nako kgolo ke eno.
E ntse e le kwa Maboane, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Olemogeng Thuto, o boletse fa mananeo a a itebagantseng le go tlhabolola matshelo a batho, a a kwa motseng oo, a dira ka bonya; a kaya fa lenaneo la nyeletso lehuma le ise le nne le maduo ape a a kalo ka ntata ya go tsisiwa ga ditlamelo tsa lone ka bonya.
Mo go tse dingwe modulasetilo o ne a bolela fa ba na le kgwetlho ya dikoloto tsa batho ba ba hirisitseng matlo a komiti ya ditlhabololo mme ba sa ikaelele go duela.
A re ba lekile ka bojotlhe go nna fa fatshe le bahirisi bao go ba lemotsha botlhokwa jwa go duela, mme ga go nko epe e tswang lemina. O ne a bua jalo a tlhalosa fa jaanong ba le mo thulaganyong ya go ba tseela dikgato tse di maleba ka bangwe ba bone ba setse ba hudugile koo ka tiro ba direla go sele. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lillian Peloentle
Location : LETLHAKENG
Event : Potsolotso
Date : 28 Nov 2013






