Ba lebogela pego ya modulasetilo
28 Nov 2013
Makhanselara a kgaolo ya Bokone Botlhaba ba lebogetse mafoko a modulasetilo wa khansele ya kgaolo eo, Rre City Kealotswe a neng a ba baya pele mo tshimologong ya phuthego e tletseng ya khansele.
E rile ba akgela mo mafokong a gagwe, mo phuthegong ya khansele kgwedi eno e le masome a mabedi le motso, ba tlhalosa fa pego ya modulasetilo e amile bontsi jwa dikgang tse di amang kgaolo le lefatshe leno ka bophara jaaka tekodiso palamente ka botsogo jwa setshaba ka tautona wa lefatshe leno, Budget pitso le tse dingwe fela jalo.
Le fa gontse jalo, ba ne ba lela ka dilo dingwe tse ba tlhalositseng di ama kgaolo ya bone tse di akaretsang kgokelo ya dipompo tsa metsi mo malwapeng le dikgwetlho tse di nnileng teng mabapi le dikgomo tse di sa tswang go busediwa barui morago ga gore dikgomo tsa bone di bolawe go leka go laola bolwetse jwa tlhako le molomo.
Makhanselara ba re go busediwa ga dikgomo kwa kgaolong ya Tati Botlhaba go nnile le dikgwetlho tse di seng kana ka sepe, ba bolela fa seo se tla fetola banni ba kgaolo eo go nna batlhoki ba nta ya tlhogo, ka dikgomo tseo di lwala ebile di swa ka dipalo tse di tshwenyang.
Mokhanselara wa kgaolwana ya Senyawe, Rre William Tatose a re fa dikgomo tseo di swa go fitlhelwa di na le dilo tse di sa itsagaleng mo mateng, dingwe go lebega ekete ke dikgwetsi, a re go supa gore kwa di neng di tshegeditswe teng pele di tla go fiwa barui di ne di sa fiwe dijo sentle mo di neng di setse di ja sengwe le sengwe. Rre Tatose o ne a re o na le pelaelo ya gore seo ke sone se se ka tswang se baka makoa mo dikgomong tseo.
Le fa gontse jalo, mokhanselara Tatose o ne a leboga puso gore e re lentswa e le fa gare ga dipharagobe tsa kwelo tlase ya itsholelo, e ne ya bona go tshwanela go ntsha madi a a kanang ka P21 878 750 go aga mantlo a borutelo le a boroko jwa barutabana , mmogo le mantwana a boiteketso kwa dikolong tsa metse ya Tsamaya, Tshesebe le Jackalas No II.
Mabapi le tsa metsi, makhanselara a kgaolo ya Bokone Btlhaba ba ne ba supa matshwenyego mabapi le koporase ya metsi ya Water Utilities (WUC), ba re e bonya go gokelela baikopedi dipompo mo malwapeng, bogolo jang ba ba thusiwang ke ba lephata la boipelego.
Mokhanselara wa kgaolwana ya Tsamaya, Rre Reginald Mudongo a re ba WUC ba tshwanetse ba tsibogela go thusa batho ba ba tlhokileng lesego ka go ba gokela metsi ntle le tiego epe ka jaana e le one botshelo jwa motho.
Ka ntlha e nngwe, mokhanselara Mudongo o ne a re e re ka jaana ba lebogela pego ya ga modulasetilo, fela o tlhobaediwa ke go bo e sa umaka gope dikgang tse di amang lefatshe lentswa e le lone konokono mo ditlhabololong le matshelo a batho. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : MASUNGA
Event : Phuthego ya khansele
Date : 28 Nov 2013






