Breaking News

Modiragatsi o rotloetsa baithuti go dira learo

28 Nov 2013

Modiragatsi go tswa mo setlhopheng sa House of Men Theatre Group, Mme Janet Phale, o rotloeditse baithuti ba mophato wa ntlha le wa bobedi kwa sekolong se segolwane sa Mphuthe kwa Letlhakeng, go dira learo la borre le le babalesegileng.

O buile se mo potsolosong ka Labobedi, morago ga go buisa le go rotloetsa baithuti ka learo la borre le le babalesegileng, ka thotloetso ya ba lekalana la tsa botsogo la kgaolo potlana ya Letlhakeng.

Mme Phale a re o ne a rotloetsa baithuti bao go tsaya kgato ka go dira loaro mme e bile a ba lemotsha bomosola jwa teng. O kaile fa baithuti bangwe ba ne ba na le keletso ya go dira loaro le mme ba kgojwa marapo ke ba bangwe ka ba ba tshosetsa, ba ba bolelela fa go le botlhoko go dira loaro le; fa bangwe bone ba ne ba eletsa go rerisanya le botsadi pele kwa lapeng.

Le fa go ntse jalo, bana ba le masome a mane le boferabobedi ba ne ba tsaya kgato ya go dirwa learo le. Modiragatsi yo o ne a tlhalosa fa ba ba tsereng kgato go ya go dirwa loaro, ba ne ba fiwa dipampitshana tsa go kopana le dingaka go ya go dira loaro, mme e bile ba tlaa thusiwa ka sepalamo kwa sekolong go ba isa kokelong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Moses Mokoanene

Location : LETLHAKENG

Event : Potsolotso

Date : 28 Nov 2013