Monna o tlhatlheletswe go thuba marekisetso
28 Nov 2013
Mmakaseterata wa Molepolole, Rre Bhekimpilo Sibanda, o atlholetse monna mongwe wa dingwaga tse di masome a mabedi le boferabobedi dingwaga tse tlhano mo kgolegelong, morago ga go bonwa molato wa go thuba a bo a utswa mo marekisetsong a dino.
Go boletswe fa e rile ka kgwedi ya Phalane e tlhola malatsi a le lesome le bosupa monongwaga, kwa Ramaphatle, Thato Raboso, a thuba a bo a utswa mo marekisetsong a dino a Jacaranda.
Go supilwe fa Raboso a ne a thuba lebati le le kwa morago ga marekisetso ao mme a tsena, a bo a utswa dithoto tsa madi a a fetang makgolo a matlhano a dipula. Dithoto tse a di tsereng mo marekisetsong a ga Koziba Beka, e ne e le majalwa, motsoko, le molelo.
E rile a ipobola, Raboso o ne a tlhalosa fa e le ene a tlhokomelang mme mmaagwe kwa masimo, e bile e le ene a tlhokomelang leruo la masika a gagwe. O bile a tlhalosa gore mo godimo ga moo, go na le ngwana wa kgaitsadie yo a mo tlhokomelang, ka maagwe a iketse badimong ka ntata ya kotsi ya koloi.
Rre Sibanda o ne a supa fa Raboso a fokoditse go senyetsa lekgotla sebaka le ditsompelo ka go ipona molato fela di tloga. Le fa go ntse jalo, maiteko a gagwe a go ipobola fa pele ga lekgotla a ne a itaya sefololetse ka jaana go ne ga lemotshega fa Raboso a kile a dira melato e e tshwanang le o a neng a o atlholelwa, go simolola fela ka ngwaga wa 2003. Go supegile fa e rile ka ngwaga wa 2003 a thuba marekisetso mangwe a dino, a bo a utswa mo teng mme a otlhaiwa ka thupa.
Go ntse go le foo, ka ngwaga wa 2002, a gobatsa e se ka fa molaong mme a atlholwa dikgwedi tse thataro tse di neng tsa seegelwa fa thoko ka mabaka a gore ga a tshwanela go boelela molato o o tshwanang le wa go betsa a bo a gobatsa.
Mme ya re ka Tlhakole a le lesome le boraro ka ngwaga wa 2006, a boa a bonwa molato wa go thuba a bo a utswa mo marekisetsong a dino. O ne a atlholwa dikgwedi tse thataro le mabele a podi; mme dikgwedi tsa katlholo tsa seegelwa fa thoko gape.
E rile ka Sedimonthole a le masome a mabedi le bobedi ka ngwaga wa 2010, a tshwarelwa go thuba a bo a utswa mo marekisetsong a dino, mme fela jalo a fiwa mabele a podi.
Melato eo ya bogologolo, Raboso o ne a supa fa ele boammaaruri go kile ga diragala. E rile fa lekgotla le mo atlhola la mo lebisa mabaka ao, e bile le mo tlhalosetsa gore ka fa go ntseng ka teng go raya gore dikgotla tshekelo tse di neng di ntse di mo atlhola, go ne go seegelwa katlholo eo fa thoko ka mabaka a gore ga a tshwanela go dira molato o o tsamaelanang le oo.
Lekgotla le ne la lemoga gore Raboso o ka gamolwa tlhaloganyo fela ke fa a ka disa poo ka lobakanyana, ka a boelela molato o o tshwanang; tsholofelo e le gore o tlaa fetoga. Lekgotla gape le ne la supa fa go ne go ka utlwala fa Raboso a ne a utswile dijo ka go ne go tlaa bo go tlhaloganyesega, e seng bojalwa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Boikanyo Sarefo
Location : MOLEPOLOLE
Event : Tsheko
Date : 28 Nov 2013






