Breaking News

Di tsatlholego di tlhoka tshomarelo

28 Nov 2013

Mogolwane go tswa kwa lephateng la motlobo wa ditso le ditsa-tlholego, Mme Winani Kgwatalala, o gateletse botlhokwa jwa tshomarelo ditso le ditsatlholego tsa ngwao.

E rile a buisa makhanselara a kgaolo ya Bokone Botlhaba mo phuthegong ya khansele ya kgaolo eo bosheng, Mme Kgwatalala a supa fa lefatshe leno e le lengwe la mafatshe a mo Aferika, a a sa bolong go jewa ntsoma e bile le tsweletse ka go latlhegelwa ke ditsatlholego, tse mo nakong eno di ka bong di sologela lefatshe leno molemo.

A re ditsa-tlholego di tswa lefatshe ka phatlha tsa menwana ka jaana bangwe ba gweba ka tsone ka tsela e e sa letlelesegeng kgotsa ka bokukuntshwane, mo di felelang di ya kwa mafatsheng a sele.

A re ka jalo, go mo maruding a Batswana go netefatsa gore ditsa-tlholego tseo di a somarelwa gore dikokomane tse di tswang kwa tlase di tle di kgone go di akola le go ithuta ka matlotlo ao.

Mme Kgwatalala a re ba dira gotlhe mo ba ka go kgonang go leka go sireletsa ditsa-tlholego tsa ngwao tsa lefatshe leno. A re ke ka moo ba lekang go diragatsa melawana e e tla bong e dirisiwa go di sireletsa.

O boletse fa melawana eo e tlaa bo e akaretsa o maikaelelo a one e leng go leka bojotlhe gore  ditsatlholego tsotlhe tse di neng di tsamaile ka tsela nngwe gotswa mo lefatsheng lengwe le lengwe di busediwe mafatsheng a tsone.

Ka jalo, Mme Kgwatalala o ne a gwetlha makhanselara a kgaolo ya Bokone Botlhaba go rotloetsa banni ba dikgaolwana tsa bone go sireletsa ditsatlholego le go ba tlhaba podi matseba ka mosola wa tsone, gore go se nne motlhofo go gweba ka tsone mo go sa siamang.

O ne a supa fa mafelo ka bontsi a ditsatlholego a lefatshe leno a sa tlhole a kgatlhisa ka jaana bangwe ba ne ba nna le monyetla wa go gopela dingwe tsa dilo tse di fitlhelwang mo go one; a tlhalosa fa mo nakong eno mafatshe a mangwe a humile fela thata ka ditsatlholego tse di tswang le mo lefatsheng leno tota.

A re fela o na le tshofelo ya gore fa melawana eo e ka tlhomamisiwa, ditsatlholego tsotlhe tse di latlhegetseng lefatshe leno di ka latedisiwa mme tsa boela lefatshe leno kana go nna le sebaka sa go di akola di le gone koo.

Makhanselara a ne a leboga Mme Kgwatalala ka go tla go abelana le bone kitso mabapi le ditsatlholego; fela ba kopa gore go agiwe motlobo wa tsone mo kgaolong ya bone go na le gore tse di tswang mo kgaolong di ye go bolokelwa kwa motlobong wa Gaborone.

Go ba kgweng kgaba, Mme kgwatalala o ne a gakolola makhanselara gore e le banni ba kgaolo ba tshwanetse ba tsiboga, ba ipopa mme ba iterela lefelo la bone la ditsa-tlholego le ngwao. A re bone e le ba National Meseum ba tlaabo ba le teng go ba fa dikgakololo tse di ka ba thusang go godisa le go tlhabolola lefelo leo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : MASUNGA

Event : Phuthego ya khansele

Date : 28 Nov 2013