Thuto e ka fokotsa lehuma
28 Nov 2013
Molomaganya ditiro tsa lenaneo la nyeletso lehuma mo lephateng la dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Samuel Rathedi, a re thuto ke konokono go thusa go lwantsha bothata jwa lehuma mo setshabeng.
Mo thuto-seka-dipuisanyong ya letsatsi, e e neng e rulaganyeditswe batsadi ba baithuti ba ba nnang mo motsaneng wa Leologane, kwa sekolong sa Shadishadi, mo kgaolong ya Kweneng, Rre Rathedi o ne a supa fa tlhabololo ya itsholelo ya lefatshe e laolwa ke seemo sa thutego ya batho ba lone.
A re ke maikaelelo a puso go bona matshelo a Batswana a fetogile, a supa fa seo se ka kgonwa ke fa bana ba ka tsaya maikarabelo mo thutong ya bone.
O gwetlhile batsadi go itepatepanya le seemo se se teng, ka go batla methale ya ka fa se ka rarabololwang ka teng; go sa nneng jalo kgolo ya seemo sa borukutlhi jo bo akaretsang tshenyo ya dithoto tsa puso e tlaa nna selomodiro.
A re go botlhokwa go batla modi wa se se ka tswang se baka bothata jo bo jwelelang jo, e leng botlhoka tsebe jwa baithuti; a gakolola fa kgang e se fela gore bana ga ba utlwe; mme botlhokwa e le go latedisa se se ka tswang se baka bothata joo.
A re o dumela fa dikgang tsa botlhoka tsebe jwa baithuti di farologanana go ya ka dikolo; ntlha e ka dirwang ke seemo se baithuti ba iphitlhelang ba le mo go sone, ka jalo tharabololo ga ya tshwanela go nna e go ka tweng e tshwanetse botlhe ntswa go na le dipharologano.
O gwetlhile batsadi kwa kgaolong eo, ba bontsi jwa bone ba tswang kwa motsaneng wa Leologane gaufi le motse wa Sojwe, go tsaya boikarabelo jwa go tlhomamisa gore seabe sa bone se a bonala mo kgodisong ya bana ba bone.
Mothusa mokwaledi wa khansele ya Kweneng, Rre Mosiakgabo, o kopile bogogi jwa sekolo sa Shadishadi go se kgojwe marapo ke dikgwetlho tse ba kopanang natso mo tirong ya bone, mme ba di dirise go batla tharabololo ya bothata jo bo teng.
E rile a ba lekodisa ka dikgwetlho tse sekolo se lebaneng natso, mogokgo wa sekolo sa Shadishadi, Mme Sister Matenje, a supa fa botlhoka tsebe jwa baithuti kwa sekolong seo e le sengwe se se sa ba robatseng, ka e bile go akaretsa tshenyako ya dithoto tsa puso.
A re sekolo seo se se nang le baithuti ba le 302 ba ba nnang mo sekolong, mo go ba le 472; fela jaaka bontsi jwa dikolo tsa mofuta oo, se tshabelelwa ke bothata jwa go ngwega kana go thoba ga baithuti; go dirwa ke go tlhwaafalela batsadi ga bana ka ba sa ntse ba le mo seemong sa go kabo ba nna kafa tlase ga tlhokomelo ya botsadi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kebaeditse Baitlotli
Location : MOLEPOLOLE
Event : Thuto-seka dipuisanyo
Date : 28 Nov 2013






