Breaking News

Palo e e kwa tlase e ama dikgwebo

27 Nov 2013

Dipalo tse di kwa tlase mo metseng mengwe di kailwe e le kgwetlho e kgolo e e amang kgolo ya dikgwebo tse di direlang mo metsaneng.

Bagwebi bangwe kwa motseng wa Mambo mo kgaolong ya Bokone Botlhaba ba supile fa dikgwebo tsa bone di sa bone kgolo epe e e kalo ka ntlha ya palo e e kwa tlase ya batho, segolo jang ba ba berekang mo motseng wa bone.

Rre Newman Mbise wa lebentlele la Sun City kwa motseng oo, o supile fa kgwebo ya gagwe, e a e simolotseng ka ngwaga wa 2007, e sa gole ka fa a eletsang ka teng, ka theko e le kwa tlase thata.

A re ere ka jaana go se na diphatlha tsa mebereko, mme banni ba motse wa gaabo ba beile fela mo lenaneong la Ipelegeng go itshetsa, bagwebi mo motseng oo ba felela ba goga bokete go tsamaisa dikgwebo tsa bone, ka letseno e se le le nametsang.

“Tota re tshela fela ka go kolotisa. Bareki ba rona ba duela ka madi a Ipelegeng, mme motho fa a ka seke a thapiwe mo nakong e e rileng, re nna nako e telele re letile gore a tle go duela,” Rre Mbise a tlhalosa.

Rre Mbise o ne a lela gape ka gore kgwebo ya gagwe ga e kgone go tshegetsa badiri nako e telele ka go bo e sa kgone go ba duela dituelo tse ba di eletsang; lebaka e le lone la dipoelo tse di kwa tlase. Kgwetlho e nngwe e e lebaneng kgwebo ya gagwe, o boletse fa e le seemo se se maswe sa tsela ya lekgwarapana e e golaganyang motse wa Mambo le wa Makaleng.

Tsela e, a re e ama thata ka fa ba a rekang dithoto kwa go bone ba di mo tsisetsang ka teng; a supa gore fa a rekile dithoto nako e le nngwe le bagwebi ba bangwe, ba ba direlang kwa go nang le ditsela tse di siameng teng,  ene dithoto tsa gagwe di isiwa kwa bofelong, ka ba ba mo tsisetsang dithoto ba ngongorega gangwe le gape ka fa tsela ya motse wa bone e ba senyetsang koloi ka teng; mo e bile ba kgonang go palelwa ke go thusa bagwebi ba bangwe fa a iseditswe pele.

Mogwebi yo mongwe, Mme Constance Matenge, yo ene a itshetsang ka go lema le go rekisa ditlhare, le ene o ne a supa fa palo e e kwa tlase ya morafe wa motse wa Mambo e ama kgwebo ya gagwe. Ka maano a sa site, Mme Matenge o tlhalositse fa gangwe le gape a tsaya ditlhare tsa gagwe go ya go di rekisa kwa mafelong a mangwe jaaka kwa toropong ya Francistown.

A re gape o dira ka bojotlhe gore fa go na le ditshupo gope fela kwa a ka kgonang go ya go rekisa teng, a iketleetse go ya go supa le go rekisa ditlhare tsa gagwe; e le tsela ya go latela bareki kwa ba a bong ba le teng ka dipalo tse di botoka.

Mme Matenge o supile fa sengwe se se mmerekelang thata e le go bo a nna a hirisetsa dikompone tse di farologaneng ditlhare tsa mekgabisa go kgabisa ka tsone fa ba tshwere ditiro tse di rileng.

A re go dira jalo go tsenya letseno le le botoka ka a kgona go dirisa ditlhare di le dingwe gantsi, a di boeletsa go tswa fela mo go reng dikeletso tsa baba di tlhokang ke dife. Le fa gone go na le dikgwetlho tse dingwe di akaretsa diji le malwetse a ditlhare, Mme Matenge o ikemiseditse go wa a tsoga le kgwebo ya gagwe ka a beile thata mo go yone go kgona go oba letsogo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keonee Kealeboga

Location : MASUNGA

Event : Potsolotso

Date : 27 Nov 2013