Breaking News

Re a Nyalana e busa seriti

27 Nov 2013

Boitumelo ene ele jo bo kwa godimo, fa banyalani ba ne ba rwesana dipalamenwana kwa moletlong wa Re A Nyalana kwa Nkange mo kgaolong ya borwa bosheng.

Re A Nyalana e thusa go sireletsa bokamoso jwa bana mo malwapeng, gammo le go busetsa seriti sa lenyalo gore mme le rre ba tlhomphane.

Fa a bua kwa moletlong oo, mogolwane wa lephata le le itebagantseng le dikgang tsa bong, Mme Valencia Mogegeh, a re lerato le tlhodilwe ke Modimo, mme ka jalo, fa go na le dikgoberego mo malwapeng banyalani ba tshwanetse go kopa thuso kwa go ene yo o le tlhodileng.

Mme Mogegeh a re lerato ke konokono ya go aga lelwapa; e bile o ne a boa a kopa banyalani gore ba dire ditiro tsa bone ka morero, a tlatsa ka gore tsamaiso ke go gakololana le go itumedisana.

O kopile banyalani go nna pelotelele le go nna boitshoko mo go tsotlhe tse ba di dirang, a re ba seka ba dira dilo ka maikutlo, mme ba di dire ka lerato. O ne a tswelela ka gore lerato le kgona go fodisa botsalano jo bo reketlang, a tlatsa ka gore le mo ditsong monna le mosadi ba ne ba tshela ka morero. Mme Mogegeh a re le go tshwantshanya batho ga go a siama ka go ka tsisa diphaapang mo lwapeng.

E rile a amogela baeng le benggae, Kgosi Toteng Ndzonga, a supa matshwenyego a go tlhoka tshwaragano le tirisano mmogo ga dikgosi tsa kgaolo ya botlhopi ya Nkange.

O kopile dikgosi go dira mmogo le go tshwaraganela ditiro tsa mofuta o ka mowa o le mongwe le ka manontlhotlho gore go nne le maduo a nonofileng; a itumedisa pelo. A re fa a tshwantshanya moletlo oo le wa kwa Changate, go na le pharologano e tona fela thata, se se supang fa batho ba Changate ba ne ba tshwarane e bile ba dira mmogo.

Kgosi Ndzonga a re o bone mokgatlho oo wa Re a Nyalana kwa motseng wa Nata, kwa a ileng a tsaya malebela teng, mme a o tsisa mo motseng wa gagwe go thusa morafe. Moletlo oo o ne o tseneletswe ke morafe wa kgaolo ya Tutume ka banyalani ba le masome a supa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mpho Goitsemang

Location : TUTUME

Event : Moletlo wa

Date : 27 Nov 2013