Breaking News

Lenaneo le tla a tswela banana mosola

27 Nov 2013

Banana ba metse ya Makaleng le tikologo ba tla nna le sebaka sa go itekodisa ba botsogo ka tshosologo kwa kokelong ya Makaleng jaaka go sa tswa go simolodisiwa lekalana la Youth Friendly Services kwa kokelong eo.

Lekalana leo la Youth Friendly Services, le le tlaabong le itebagantse le go fa banana ba dingwaga tse di fa gare ga lesome le masome a mabedi le bone ditirelo tsa botsogo, le gone go ba fa sebaka sa go kopana ba buisana ka dikgang tse di ba amang mabapi le tsa botsogo, le ne la simolodisiwa semmuso kgwedi eno e le masome a mabedi le bobedi.

Seo se raya gore banana ba dingwaga tseo ba tlaabo ba itekodisa kwa lefelong la bone le le katogileng kwa bagolo ba itekodisang teng.

Le fa go ntse jalo, e ne yare a bula semmuso ditirelo tseo bosheng, mogolwane wa booki mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, Mme Ikgopoleng Keipidile, o ne a tlhalosa fa seo se sa reye gore banana ba dingwaga tsa bone di leng fa godingwana, ba ka kganelwa go dirisa ditirelo tseo.

Mme Keipidile a re go tserwe tshwetso ya go simolodisa ditirelo tsa botsogo tse di itebagantseng le banana, morago ga go lemoga gore banana ba na le dikgwetlho tse dintsi tsa botsogo tse di ba amang; mme ba sa kgone go itekodisa ba phuthogogile.

A re banana ba na le go nna le poifo le gone go tlhabiwa ke ditlhong fa ba kopana le batsadi ba bone kwa itekodisong, mo bangwe ba felelang ba ya malwapeng ba sa itekodisa.

Mme Keipidile o boletse fa lenaneo le e le go leka go tsamaelana le ditshwanelo tsa banana le go kgona go lemoga letlhoko la bone mme ba thusiwe go ya ka matlhoki a bone ka go farologana; a a akaretsang tshidilo maikutlo, tsa tsholo, dikgang tse di amanang le malwetse a tlhakanelo dikobo le dikgang tse dingwe fela jalo tsa botsogo.

A re maikaelelo a mangwe ke go amanya banana le mananeo a a leng teng a a ka ba fetolang maitsholo, a tlhalosa fa ditirelo tseo ba tla bo ba di fiwa ke badiri ba dingwaga tse di bapileng le tsa bone gore ba kgone go buisana le bone ba sena poifo epe.

Fa akgela tebang le ngongora ka boitsholo jo bo sa amogelesegeng jwa badiri bangwe ba booki, Mme Keipidile o ne a gakolola batho go nna ba bega ka seo kwa ntle ga tiego epe.

A re mo godimo ga moo, ba tshwanetse ba sala morago ditsela tse di tshwanetseng fa ba isa dingongora tsa bone; ba simolola ka mookamedi mo lefelong leo, go fitlhelela ba palamelela kwa godimo kgotsa boikuelo jwa bone bo arabiwa.

Mogolwane mongwe wa tsa botsogo mo kgaolong eo, Mme Even Vumbu, ene o ne a rotloetsa batho go dirisa mananeo a botsogo a a diretsweng go boloka matshelo a bone go na le gore ba iphitlhele ba tsere ditshwetso tse di seng maleba jaaka go gapa matshelo a bone, fa  botsogo jwa bone bo tlhobaetsa.

Mookamedi wa ditirelo tsa botsogo mo kgaolong, Dr Bernard Sikombe, o ne a tlhalosa fa lenaneo le le tlaabo le sa itebaganya le bolwetse jwa HIV/AIDS fela, mme ditirelo tsa lone di tlaabo di akaretsa tsotlhe tse di amang botsogo.

Ka jalo o ne a gwetlha banana go dirisa lekalana leo gore le fitlhelele maitlamo a lone, a bo a akgola ba kgaolo ya Makaleng go bo ba simolodisitse thulaganyo eo, a ba tshepisa fa ba tla ba fa kemonokeng yotlhe e ba e tlhokang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : MASUNGA

Event : Tshimolodiso semmuso

Date : 27 Nov 2013