Breaking News

Nxaraga o galaletsa puso

27 Nov 2013

Bogogi jwa motse wa Nxaraga mo kgaolong ya Ngami bo akgoletse puso go bo e tshwere ka natla go tlhabolola le go tokafatsa matshelo a Batswana.

Ba supile se mo potsolotsong bosheng. Ba re e re le ntswa lefatshe leno le babaletswe ke manokoko a kwelo tlase ya itsholelo, puso ga ya ipona tsapa go tsweledisa maikaelelo a yone a go thusa Batswana bao ba ba aperweng ke lehuma la nta ya tlhogo.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse oo, Rre Geoffrey Manja, a re ele ruri puso e tlhapolotse letsogo ka jaana tema e a bonala e bile ba le bantsi ba kgona go inosa metsi.

A re mananeo a puso a dirile pharologanyo e tona mo morafeng wa Nxaraga, ka bontsi bo ne jwa inaakanya le one mme e bile mo bogompienong matshelo a bone a bonala a tokafala fela thata.

A re mananeo a tshwana le a temo-thuo jaaka LIMID a tsweletse sentle mo kgaolong; e bile a boa a lebogela puso go bo e bone go tshwanela go oketsa ditlhwatlhwa tsa theko ya dipodi, ka jaanong le barui ba kgatlhegela go rekisa; ka dipoelo di le botoka.

Rre Manja o boletse gape fa lenaneo la go nyeletsa lehuma la nta ya tlhogo le lone le ntsha maduo a a nametsang a supa fa a dumela fa dipalo tsa botlhoki di tla wela tlase.

Kgosi ya motse, Kgosi Gaolathe Kgosigaenyatswe, o ne a iteela kobo moroko mafoko a a boletsweng, a supa fa ba leboga maiteko a puso go menaganye. A re e le ruri fa morafe o ka tswelela ka go tsibogela dithuso le mananeo a puso; kgang tsa lehuma e tlaa nna selo sa maloba.

Kgosi o ne a supa selelo se segolo ka bogodu jwa leruo, jo a reng bo jweleletse mo kgaolong ya gagwe. A re o ngomoga pelo ka jaana bangwe ba batswasetlhabelo e le bone ba ba filweng dithuso ke puso.

A re bogodu jwa leruo bo tla busetsa maiteko a mantle a puso kwa morago, a supa fa le bone ba ba filweng ba tla kgobega marapo. Mo dikgannyeng tse dingwe, Kgosi Kgosigaenyatswe o ne a supa fa morafe o bolawa ke lenyora le legolo.

A re e sale motse wa bone o tlhomamisiwa ga ba ise ba tsenyetswe metsi mme ba nosiwa ka go tshelelwa. A re tanka e e ba sielang metsi eo ga e ba lekane, mo le bone ba setseng ba itlhobogile;e bile ba nwa kwa nokeng.

Kgosi Kgosigaenyatswe o ne a ikeula gape ka tlhaelo ya ditlamelo tsa botsogo ka ba sena kokelwana. A re ba thusiwa gangwe fela mo kgweding mme nako tse dingwe ga ba bone thuso ya bongaka gotlhelele ka ba botsogo ba bolela fa ba tlhaelelwa ke dipalamo. Kgosi o ne a supa fa kgang ya go tlhoka sekole mo motseng le yone e sa ba robatse.

A re bana ba Nxaraga ba tsamaya sekgela sa dikhilomethara di le lesome le botlhano go ya sekoleng, kwa motseng wa Komana. A re go le pele ba ne ba thusiwa ka bese ya lephata la thuto; mme jaanong bese eo e senyegetse ruri fela; mo go paledisang bana go ya sekolong sentle.

Kgosi Kgosigaenyatswe a re morago ga go ikuela kwa bogoging jwa kgaolo mme go se nko epe e e tswang lemina; e le botsadi jwa motse, ba bone go le botlhokwa gore ba ise kgang e ya bese kwa ofising ya ga tautona, ka se tota se baya isago ya bana ka fa mosing. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Esther Mmolai

Location : MAUN

Event : Potsolotso

Date : 27 Nov 2013