Breaking News

Ntwa kgatlhong le kgokgontsho e tswa tema

26 Nov 2013

Tona  wa Pereko le  Selegae, Rre  Edwin Batshu, a re malatsi a a lesome le borataro kgatlhanong le kgokgontsho ya bomme le bana a tlhomilwe ke lekgotla la mafatshefatshe go itebagantswe le go lwantsha kgokgontsho ya  bomme le bana.

Rre Batshu o buile seo ka tshimolodiso ya segopotso sa malatsi a a lesome le borataro kgatlhanong le kgokgontsho ya bomme le bana kwa Nkange, ka Mosupologo, Ngwanaatsele a tlhola malatsi a masome mabedi le botlhano.

A re malatsi ao a itebagantse le go diga mokaloba wa kgokgontsho ya bomme mme a tla wela ka Sedimonthole a tlhola lesome; mo go lone letsatsi leo e tlaabong e le letsatsi la ditshwanelo tsa setho.

A re fa e sale go bolotswa ntwa kgatlhanong le kgokgontsho, puso e itemogetse maduo a a nametsang. O kaile fa se e le sesupo sa gore setshaba se simolotse go tsibogela dikgang tsa bong ka tlhoafalo.

O ile a gwetlha setshaba ka kakaretso go goga mmogo go sireletsa bomme le bana, le go tlhomamisa gore ba akola ditshwanelo tsotlhe tse molao o di ba neetseng.

Tona Batshu o tsweletse a supa fa bone e le ba lephata la pereko le selegae le makalana a a ikemetseng, gammogo le babega dikgang, ba ikemiseditse go tlhomamisa fa tekatekano ya bong e le kgang e ba tshwanetseng go itebaganya le yone go akarediwa batswasetlhabelo gammogo le badira molato.

O ne a gatelela ka gore go akaretsa borre mo ntweng kgatlhanong le kgokgontsho ya bomme le bana, go ka thusa bana ba basimane go lemoga bodiphatsa jwa go sokamela ka fa dikarolong dingwe tsa ngwao di ba tlhalosang ka teng. A re tshwaragano le tirisano mmogo ya bomme le borre ke yone e rotloeditseng lefatshe leno go simolodisa segopotso sa go ipelela letsatsi la mafatshefatshe la borre.

Tona a re lephata la gagwe le loga maano a lenaneo la go lwantsha kgokgontsho letsatsi le letsatsi mo ngwageng, ba lebile gore kgokgontsho e diragala tsatsi le letsatsi; lenaneo le a le kaileng ka, ‘365 Day Action Plan’. O ile a supa fa tiriso botlhaswa ya nnotagi e le nngwe ya tse di gakatsang kgokgontsho.
A re dipatlisiso tsa kgokgontsho tse di dirilweng ka ngwaga wa 2012 di supile fa bomme ba ba dirisitsweng botlhaswa mo go tsa tlhakanelo dikobo ba ne ba sa ipone ka ntlha ya nnotagi.

Rre Batshu o boletse fa letsholo leo le tshwanetse go tiisa batho moko go tswa ka methale e e ka thusang go lwantsha matlhoko a tshwana le kgokgontsho ya bana, tlhakanelo dikobo le bana, tiriso botlhaswa ya dinotagi le melato epe fela ya tshotlo le kgokgontsho.

Mogolwane wa lephata le le itebagantseng le dikgang tsa bong, a re maikaelelo a letsatsi leo e ne e le go gwetlha bakgokgontshi go fetola mekgwa ya bone le go tsisa kitso mo Batswaneng ka dikgang tse di amanang le kgokgontsho ya bomme le bana le manokonoko a tsisiwang ke kgokgontsho. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Buyendasi

Location : TUTUME

Event : Segopotso kgatlhanong le kgokgontsho

Date : 26 Nov 2013