Kgosi o kgala go sotlwa ga masiela
26 Nov 2013
Kgosi Judith Sedumedi wa kgotlana ya Sedie kwa Maun a re ga a jesiwe diwelang ke batlhokomedi bangwe ba bana ba masiela ka ba ba tshwara ka letsogo la molema.
A re mo kgaolong ya gagwe ke selelo le khurano ya meno, ka bangwe ba masika le baagisanyi ba tsweletse ka go sotlaka le go kgokgontsa bana ba masiela. Kgosi o ikuetse jalo kwa bokopanong jo bo neng bo rulagantswe ke ba legotla la Women Against Rape, go tla go sekaseka le go abelana maela ka fa kgokgontsho e ka lwantshiwang ka teng.
Bokopano joo bo ne bo kopantse bana-le-seabe ka go farologana ba akaretsa baruti; magosi; boemedi jwa barutabana; metswedi ya dikgang; maphata a puso le a a ikemetseng le morafe ka kakaretso. Kgosi Sedumedi a re dikgang tsa kgokgontsho ya masiela di golela pele, mme a kopa puso go tsibogela seo ka ponyo ya leitlho.
A re ba itemogetse fa bangwe ba masika ba kgokgontsha bana bao ka ntlha ya dithuso tse ba di fiwang ke puso jaaka mophako, ka go di ba amoga. A re batho ba masika ba kgona go tsaya dilwana tsa bana bao, ba di neela bana ba bone, mme bone ba apesiwe tse di makgasa.
A re tota kgang ya kgokgontso e tshwanetse ya emelwa ka dinao, ga batliwa ditsela tsa go e lwantsha ka malwapa jaanong a setse a phutlhama.
A re se se ngomolang pelo ke gore bomalome ba ithaopela go sala ba tlhokomela bana bao, mme kwa phelelong ba felela ba ba dira basadi. O tlhalositse gape fa mo kgaolong ya gagwe go na le bana bangwe ba ba tlhokomelang malwapa ka jaana batsadi ba bone ba a bo ba ile dikoropong kwa makgobokgobong.
Moemedi wa metswedi ya dikgang, Rre Livingstone Kentshitswe, o ne a supa fa go begwa ga dikgang tsa kgokgontsho go le boutsana ka jaana batho ba sa tswele kwa ntle go bua.
O supile fa dipatlisiso di supa fa dikgang di le tlhano mo lekgolong e le tsone di begilweng; mme go bonala fa dikgang tsa kgokgontsho di golela pele. A re batho ba tshwanetse ba tlhaloganya tiro ya bobega dikgang; e e leng go tsibosa le go ruta setshaba ka dikgang tse di ba amang.
Mogolwane go tswa kwa ofising ya banana, Rre Moatlhodi Phetogo, o supile fa kgokgontso mo bananeng e tswala ke kgodiso ya bana e e sa nonofang.
A re go lebega bana ka bontsi mo malwapeng ba ikgodisa mme seo se ba dire gore ba tshabelelwe ke dihawa tsa kgokgontso. Rre Phetogo a re gantsi kgokgontso e e diragalang mo bananeng e tswala ke dikgang tsa botsalano, dinotagi le lehuma. Bangwe ba baneng ba tseneletse bokopano joo, ba ne ba supa fa bangwe ba batsadi ba rotloetsa kgokgontsho bogolo jang mo baneng ba basetsana, ka ba tlotlile go bipa mpa ka mabele.
Ba re batsadi ba ba dirang jalo ba tswanetse go tseelwa dikgato tse di maleba ka ba senyetsa bana ba bone isago. Mme Gomolemo Ramolapo o ne a supa fa dikereke dingwe le tsone di amega mo kgokgontsho, a tlatsa ka gore go le gantsi baeteledipele ba gatelela bana ba phuthego mme go pale go rarabolola kgang ka go sirelediwa seriti sa kereke le ene modira molato. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : MAUN
Event : Bokopano ka kgogontsho
Date : 26 Nov 2013






