Faith Mission e rotloetsa thuto ya bana
26 Nov 2013
Kereke ya Apostolic Faith Mission kwa Lobatse e abetse bana ba sekolo se sebotlana sa Ipeleng dimpho tse ba tla di dirisang mo dithutong tsa bone.
Fa a bua mo potsolosong, Moruti Tonka Rachabatsotlhe, o supile fa ba bone go tshwanela gore le bone ba nne le seabe mo go rotloetseng thuto ya bana mo dikolong.
O tlhalositse fa e rile ngwaga ono o simologa ba bona go le maleba go thusa sekolo seo ka lenaneo la Adopt- a -School, le le neng la simolodisiwa ke lephata la thuto go thusa dikolo fa le tlhaelang teng.
Moruti Rachabatsotlhe o ne a bolela gape fa moso le moso ka Labotlhano le Mosupologo ba isa dithapelo le go kgothatsa baithuti ka lefoko la Modimo kwa sekolong seo.
A re e le kereke, keletso ya bone ke go bona bana ba golela mo tumelong le gone go boifa Modimo. Godimo ga moo, a re fa bana ba ka itse lefoko la Modimo, motlhamongwe botlhoka tsebe jwa banana bo tla fela.
Moruti a re sengwe se se ba gwetlhileng ke go bo ba lemogile gore lenaneo la Adopt - a -School le le mosola fela thata, a tlatsa ka gore lephata la thuto le ka se kgone mokgweleo le le nosi.
O supile fa ba tla tswelela ba thusa sekolo seo, e le tsela nngwe ya go supa seabe sa bone e le barapedi mo thutong ya bana ba bone mo dikolong. Fa a tswa la gagwe mongwe wa barutabana ba sekolo seo, Mme Masome Thimbe, a re kereke ya Apostolic Faith Mission e ne ya simolola go ba thusa ka lenaneo la Adopt-a-School morago ga go nna ba isa dithapelo kwa sekolong seo.
A re ba ne ba ikopela go thusiwa ka lenaneo leo ka ba ne ba lemoga fa kereke eo e ka ba tswa thuso; a tlhalosa fa e ne ya re ka kgwedi ya Seetebosogo le Phukwi ngwaga ono kereke eo ya ba abela merogo.
Mme Thimbe o ne a supa fa se se dirwang ke kereke eo ba se lebogela e le ba sekolo sa Ipeleng, a tlhalosa fa le go ba kgothatsa ka lefoko la Modimo moso le moso e le tiro e ntle.
O tlhalositse fa ba kopana le dikgwetlho tse dintsi fela thata mo tirong ya bone ya tsatsi le letsatsi mme a supa fa go kgothadiwa ka lefoko la Modimo go ba sidila maikutlo fela thata. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mary Mofaladi
Location : Lobatse
Event : Potsolotso
Date : 26 Nov 2013






