Breaking News

Banana ba kopa thuso go simolola kgwebo

26 Nov 2013

Banana ba basetsana kwa Letlhakeng ba ba nnileng le kgwetlho ya go tshola bana ba le dingwaga tse di kwa tlase, e bile ba sa ntse ba tsena dikolo, ba kopile mmaboipelego go ba thusa go itshimololela kgwebo.

Fa a bua mo bokopanong le mmaboipelego, mothusa modulasetilo wa setlhopha seo sa bomme sa Young Mothers, Mme Gopolang Keoagile, o tlhaloseditse mmaboipelego fa setlhopha sa bone se eletsa go simolola kgwebo ya go dirisa morama go dira botoro fa ba ka bona dithuso.

O kaile fa ba na le dikgwetlho mo motseng ka ba tlhoka ditiro ntswa ba lebanywe ke go tlhokomela bana ba bone. Mme Keoagile o kaile fa kgwebo ya bone e tlaa tlhamela bangwe ditiro le gone go ba thusa go itshetsa ka ditsatlholego.

O tsweletse a bolelela mmaboipelego fa ba tla tlhoka thuso ya madi le thuto e e tseneletseng ka go rekisa le go tlhokomela kgwebo ya bone. E rile a ba ama ka lefoko, mmaboipelego, Mme Tshireletso Thobega, a ba gakolola gore ba ikopanye le bagwebi ba ba setseng ba tsweletse ka kgwebo ya go dirisa morama kana ditsa tlholego; go anywa botsipa mo go bone.

O ne a bua jalo a ba lemotsha le kgwetlho ya go dira ka ditsa tlhogelo, ka di bonwa ka dipaka tse di rileng. Mme Thobega o ne a kopa maloko a setlhopha seo go nna pelotelele fa ba sa ntse ba emetse thuso. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Moses

Location : LETLHAKENG

Event : Phuthego

Date : 26 Nov 2013