Molelo o tlhoka go potlakelwa
08 Jun 2023
Go bega dikgang tsa molelo ka bofefo go ka thusa go fokotsa tshenyo e ntsi e e bakwang ke molelo.
Se se tlhalositswe ke mogolwane go tswa mo lephateng la dikgwa le dibapalwa nageng mo Tsabong Rre Tawana Maunganidze kwa Makopong ka Laboraro mo dithutong tse maikaelelo a tsone e leng go ruta merafe ka tshenyo le di-tla morago tse di bakwang ke molelo mo Kgaolong ya Kgalagadi Borwa.
Rre Maunganidze a re ba simolodisitse dithuto tse morago ga go lemoga fa ngwaga le ngwaga melelo e baka tshenyo e ntsi kwa mahudisong, mafelo a diphologolo, meraka, masimo le mo motseng.
A re melelo e, e ama bojanala le gone go tsisa lehuma ka jaana banni ba itshetsa ka leruo.
O boletse fa dipatlisiso di supa fa melelo e tlhaga gantsi fa batho ba leng teng e bile a supa fa bangwe ba bipa mpa ka mabele ba sa bege dikgang tsa go nna jalo gore di tsibogelwe nako e sa ntse e le teng.
O tlhalositse fa paka ya go tlhagoga ga melelo e simolola mariga mo kgweding ya Motsheganong fa bojang bo simolola go omelela go fitlha Phatwe.
Rre Maunganidze o gakolotse fa go tshuba naga go na le di-tla morago tse di sa siamelang lefatshe jaaka kgotelo ya loapi, e bile gape melelo e le borai mo matshelong a batho le leruo.
A re mo maitlamomg a go babalela tikologo, makalana a Global Enviromental Facility le United Nations Development Programme a tshwaraganye le puso a thusa ka madi go aga melelwane go itsa kgotlhang ya diphologolo le batho.
A re maikaelelo a tiro ya Kgalagadi & Ghanzi Drylands Ecosystem, ee simologileng ka 2017 go fitlha ngwaga oo tlang, ke go rotloetsa tsamaiso e lolamemg ya batho le diphologolo mo kgaolong ya Kgalagadi le Ghanzi go hema go tsoma mo go seng ka fa moalong le go kgotlhela tikologo.
Ka jalo, Rre Maunganidze o supile fa go le botlhokwa gore setshaba se rutwe ka go babalela tikologo go itsa kgotlelesego ya di-tswa mmung le go thibela kgotlhang ya batho le diphologolo.
Morutintshi wa letsatsi leo mogolwane go tswa kwa lephateng la tshomarelo dikgwa le dibapalwa nageng Rre Keodirang Mutukwa o boletse fa go tlhagoga ga melelo kgapetsakgapetsa go fetola boleng jwa tikologogo, le go baka go nyelela ga dibapalwa nageng.
A re tse tsotlhe fa di sa laolesege, di ka ama itsholelo ka e le tsone tse batho ba itshetsang le go gweba ka tsone.
Rre Mutukwa o ne a tlhalosetsa batsena-dipuisano tseo botlhokwa jwa go tima molelo ba tshwaraganye le ba-na-le seabe botlhe, a bo a gwetlha botlhe go tsenya letsogo ka nako ya fa melelo e tlhagile go na le go nna moriti o tsididi.
Go le pele fa a amogela baeng, Kgosi Sekai Kgaudi wa Draaihoek o ne a kgothatsa ba-tsena dithuto tseo go di tsaya ka tlhwaafalo a supa fa di le mosola mo morafeng.
Kgosi Kgaudi o boletse fa kgaolo ya bone e tshabelelwa ke pula ee boutsana ka jalo ditlamorago tsa melelo e le poelo morago bogolo jang mo balemi baruing.
Fa a tswa la gagwe mokhanselara wa Makopong/Draaihoek Rre Moses Chimbombi o ne a supa fa morafe o sena kitso epe ya go tima molelo mme tsholofeleo e le gore dithuto tseo di tla ba bula matlho. Ends
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : MAKOPONG
Event : phuthego
Date : 08 Jun 2023