Charleshill o tlaa nwa metsi kwa sedibeng sa Xanagas
04 Jun 2023
Thulaganyo ya go thapa khamphani ee tlaa dirang tiro ya go gokela Charleshill mo sedibeng sa Xanagas e tsweletse sentle e bile tsholofelo ke gore e tlaa abiwa pele kgwedi ya Seetebosigo e fela mme e wediwe ka Sedimonthole.
Se se builwe ke moeteledipele wa khamphani ya phatlalatso ya metsi (WUC) mo kgaolong ya Charleshill, Rre Gosalamang Ramabe bosheng mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke Mopalamente wa Ghanzi Borwa, Rre Motsamai Motsamai.
Rre Ramabe o ne a re thulaganyo ya nakwana ya go rorela banni ba Charleshill metsi e aperwe ke dikgwetlho, jaaka go senyega ga dikoloi tse di rorang metsi.
Mopalamente wa kgaolo Rre Motsamai Motsamai o ne a supa matshwenyego ka seemo sa tlhaelo ya metsi kwa Charleshill se a reng se ngomolang pelo, ka le maiteko a go rorelwa metsi go tswa kwa Xanagas a sena maduo.
Rre Motsamai a re banni ba Charleshill ba tshelela mo lenyoreng, bana ba ya dikoleng ba sa tlhapa e bile seemo se se ama ditiro jaaka manyalo le dintsho.
Mo potsolotsong morago ga phuthego, Rre Ramabe o tlhalositse fa WUC e thapile dikoloi tse di rorang metsi mo bagwebing ba ba ikemetseng dile pedi go oketsa tse tharo tse kgaolo eo e nang le tsone.
Le fa go ntse jalo a re mo go tse tharo tsa WUC, e le nngwe e rora metsi go ya kwa motseng wa Metsimantsho, go bo go raya gore tse dingwe di itebagantse le charleshill fela.
O ne a tlhalosa gore tlhaelo ya metsi kwa Charleshill e simolotse ngogola ka Seetebosigo morago ga go kgotelesega ga didiba tse di neng di nosa motse oo.
Mo go tse dingwe mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse Rre Obedia Mokonyane o supile fa lebala la mabelo a dipitse le tloga le wediwa.
Lebala le le agiwang ka madi a ditlhabololo tsa dikgaolo a a fetang didikadike tse pedi tsa dipula. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mothusi Galekhutle
Location : CHARLESHILL
Event : PHUTHEGO YA KGOTLA
Date : 04 Jun 2023