Breaking News

Ditsela tsa toropo ya Selebi Phikwe ga di itumedise

13 Nov 2025

Bakgweetsi ba dikoloi tse di pegang setshaba ba re ga ba itumedisiwe ke boleng jwa ditsela tsa toropo ya Selebi Phikwe.

Ba tlhalositse se mo bokopanong jo bo neng bo rulagantswe ke Ratoropo, Rre Oageng Makgosa ka Laboraro. Maikaelelo a bokopano e ne ele go tla go amogana megopolo le gore go ya pele ba ka thusana jang go tlhabolola ditirelo tsa bone. 

Mongwe wa bakgweetsi ba dikoloi tsa setshaba, Rre Johannes Mmereki o ne a tlhalosa fa ditsela tsa toropo di se mo seemong se se itumedisang.

Rre Mmereki o tlhalositse fa maiteko a khansele a go tsenya metshela kgabo a bonala mme kgang kgolo e le ba ba rumiwang go dira ditiro ka ba sa dire mo go kgotsofatsang.

O tlhalositse fa motshelakgabo o direlwa gore o kgone go fetisa metsi mme seo se sa diragale ka jaana e fetogile megobe mo dikoloi di sa kgoneng go tlolela ntlheng e nngwe fa dipula di nele. A re go tlhoka go dira tiro ka thwaafalo ke go ne mo go dirang gore khansele e bo e le mo leshekereng la madi.

E rile a ama seemo sa ditsela, Rre Mmereki o ne a tlhalosa fa ditsela le tsone di sa dirwa sentle ka go sena fa ba folosetsang bapalami teng mme se se baka gore ba gotlhagotlhane le ba sepodise ka ba ipelaetsa fa ba sa obamele melao ya tsela.

O ne a kopa boeteledipele jwa khansele gore ba ba seka sekele go ba direla fa ba ka folosetsang le go pegela batho teng. Rre Mmereki o kopile bogogi jwa toropo go nna ba ba akaretsa fa ba dira ditlogamaano tsa toropo gore le bone ba ntshe dikgakololo tse di ka isang toropo pele.

Rre Mmereki o ne a fa sekai ka ditotoma tse di dirilweng go fokotsa lobelo la dikoloi fa sekolong se segolwane sa Meepong a kaya fa di sa dirwa sentle. O ne a supa ngongorego ya gore fa go dirwa ditlhabololo tse gantsi di ba amang ga ba bolelelwe mme se se baya tiro ya bone ka fa mosing.

E rile a tsibogela mafoko a bone, Rre Makgosa o ne a tlhalosa fa dilelo tsa bone di tserwe ka tlhwaafalo, ka jalo tse di maleba di tlaa dirwa. O ne a kgotlhatsa borre le bomme bao go tsaya tiro ya bone ka tlhwaafalo ka e le bone sefatlhego sa toropo.

O tlhalositse fa ba solofetse baeng mo topong ya Selebi Phikwe ba ba tsileng go bula dikgwebo mme go tlhoka gore ba bo ba le malala a laotswe le dikoloi tsa bone dile mo seemong sa go ka pega setshaba.

O tlhalositse fa boitsholo le setho sa bone e le tsone tse di ka okelang bagwebi mo toropong ya Selebi Phikwe mme itsholelo le yone e tokafale. BOKHUTLO 

Source : BOPA

Author : Chendzimu Manyepedza

Location : Selebi Phikwe

Event : Bokopano

Date : 13 Nov 2025