Breaking News

Balopi o kopela Kaartze tlhopho

13 Nov 2025

Batlhophi ba kgaolo ya Kgalagadi Borwa ba kopilwe go tlhopha moemedi wa phathi ya Botswana Democratic Party (BDP), Mme Diana Kaartze.

Kopo eo, e dirilwe ke moeteledipele wa phathi, Rre Mpho Balopi mo phuthegong ya sepolotiki ya go bapatsa le go rola Mme Kaartze kwa Tsabong ka Laboraro. 

Rre Balopi a re Mme Kaartze o ka tshepiwa jaaka morongwa wa setshaba kwa palamenteng. A re o na le bokgoni jwa go tsibogela mananeo a ditlhabololo a a ka thusang banni ba Kgalagadi Borwa.

Rre Balopi o kopile batlhophi go busetsa serodumo sa phathi eo ka go tlhopha ka dipalo tse di kwa godimo mo ditlhophong tse di tlang tsa poeletso. 

O kaile Mme Kaartze e le moemedi wa motia yo o tlhaloganyang dikgwetlho tsa kgaolo eo botoka. Rre Balopi a re kgaolo ya Kgalagadi Borwa e saletse morago ka e tlhaelelwa ke ditlhabololo tse di itebagantseng le go tokafatsa matshelo a batho.

A re ditlhabololo di akaretsa mehama ya thuto, botsogo, temothuo o ka di buelela botoka, ka gore o kile a bereka a le gaufi thata le setshaba, a dira e le mooki.

Rre Balopi a re phathi ya BDP e boloditse letsholo la go seka seka seemo sa kgaolo, ka jalo ba itemogetse selelo le matshwenyego a setshaba. O kgotlhaditse batlhophi go ikgakologelwa mme ba seka ba itlhaba ka thipa mpeng.

Mongwe wa dibui, Mme Nnaniki Makwinja, o ne a supa fa kemedi ya bomme kwa palamenteng e le kwa tlase mme go le maleba gore ka letsatsi la ditlhopho, batlhopi ba netefatse gore Mme Kaartze a tsene ka dikgoro tsa palamente. 

Mme Makwinja a re mme o tshwara thipa ka fa bogaleng, ka jalo, Mme Kaartze o tla kgona go buelela ditlhabololo tsa kgaolo.

Fa amogela thomo, Mme Kaartze o tllhalositse fa maikaelelo le keletso ya gagwe e le go tsosolosa ditlhabololo le mananeo mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa.

Mme Kaartze a re puso ya BDP le yone e simolotse boikarabelo jwa go goga lefatshe ka nako ya go le leshekere, go sena lefa e le ditlhabolololo, mme mo dingwageng tse di masome a matlhano le boferabobedi e kgonne go tlhabolola mehama ya thuto, botsogo, temothuo le ditsela go nna mo seemong se di leng mo sone gompieno.

O buile ka lenaneo la Ipelegeng, are ke lone le le neng le tokafatsa matshelo a Batswana, bogolo jang ba ba tlhokileng lesego mo botshelong ka jalo are maikaelelo ke go ya go buelela banni mo kgaolong eo gore ba busediwe mo tirong ka mo nakong eno ba lela selelo sa khuranyo ya meno.

O ba kopile go tlhopha ka dipalo tse di kwa godimo mme ba tlhomamise gore kgaolo e tsena mo diatleng tsa BDP ka seo se ka tsisa pharolologanyo mo matshelong a bone bogolo jang mo go tsa temothuo ka ba ikaegile ka yone. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Catherine Simane

Location : Tsabong

Event : Phuthego

Date : 13 Nov 2025