Kgomokhumo e namola Batswana
04 Jun 2023
Lekalana la sepodisi la Kgomokhumo le botlhokwa ka jaana le namola Batswana mo go bao ba ba ba senyetsang.
Se se builwe ke Kgosi Kgari Sechele III fa a amogela baeng kwa tshimolodisong ya lekalana leo kwa Letlhakeng bosheng.
Kgosi Kgari III o tlhalositse fa maduo a Kgomokhumo a bonala, a supa fa mapodise a setse a na le maitemogelo a gore lekalana leo le ka tokafadiwa jang.
O tlhalositse fa kwa metseng e metona borukutlhi bo le bontsi thata, a bo a kopa gore go tsenngwe dikapa ditshwantsho kwa metseng eo jaaka kwa ditoropong gore ba sepodisi ba kgone go bona se se diralang.
O supile fa a itumeletse gore lekalana la Kgomokhumo le bo le gorogile kwa kgaolong ya Letlhakeng ka jaana ba ba ntseng ba senya ba tlaa ikotlhaela se ba se dirileng.
Fa a ntsha itemogelo ya se se ntseng se diragala ka bogodu jwa leruo, motshwarelela ramapodisi, Rre Phemelo Ramakorwane o ne a tlhalosa fa erile ka ngwaga wa 2021 kwa kgaolong ya Northern Central Division gone ga nna le dikgetsi tsa leruo di le 538, leruo le le amegileng le ne le le 1 882 mme ba kgonne go bona le le 1 036.
O tlhalositse fa kwa kgaolong ya South e e akaretsang motse wa Letlhakeng ba ne ba nna le dikgetsi di le 538 ka ngwaga wa 2021, go amega leruo le le 2 997 mme ga bonwa le le 1 236, fa ka ngwaga wa 2022, go ne ga nna le bogodu jwa leruo 709, go amega leruo le le 3 860 mme ga bonwa le le 1 353 fela.
Rre Ramakorwane o tlhalositse fa e rile ngwaga ono o simologa ka kgwedi ya Tlhakole ba ne ba kopana go sekaseka seemo sa borukutlhi mo Botswana. O supile fa ba ne ba lemoga fa ba kgonne go fokotsa borukutlhi jwa go kgothosa dikoloi tsa madi le go thuba dibanka ka ditalameiti, mme ba lemogile fa ba sa kgona go fokotsa bogodu jwa leruo.
O tlhalositse fa ba ne ba lemoga gape fa bodiredi jo bo dirang tiro e bo le kwa tlase ka dipalo ka jalo go tlhokega go batla mapodisi a a itebagantseng le borukutlhi jwa leruo mo dikgaolong, le gore ba rutuntshiwe.
O kaile gape fa ba ne ba lemoga gape gore mapodisi le bone ba ne ba dira phoso ka go tlogela batho ba kwadisa leruo le tswa kwa motseng o o kgakala le ya go kwadisiwa kwa go o mongwe, a supa fa se se ne sa neela magodu sebaka sa go itirelela.
O ne a tlhalosa fa borukutlhi jwa leruo bo ne bo le bontsi thata kwa kgaolong ya Bobirwa, mme ka tshwaragano ya barui le mapodisi a Kgomokhumo, bogodu jo bo ne jwa ya kwa tlase fela thata.
A re ba itemogetse gore Batswana ga ba tlhokomele leruo, a supa gore fa ba ka tswelela ba dira jalo ba itse fa go sena se mapodisi ba ka se kgonang.
O ne a kopa gore ba thusane ka se se ka tlhofofatsa tiro, a bo a leboga botlhe ba ba lwantshang borukutlhi ka boineelo.
Modulasetilo wa Southern District Beef Farmers Association, Rre Mosimanegape Mophuthing o ne a lebogela puso go araba kopo ya bone ka go simolola lekalana la Kgomokhumo.
Rre Mophuthing o ne a tlhalosa fa bogodu jwa leruo bo rotloediwa ke ba mafatshe a ba bapileng le bone, a bo a supa gore legodu le kgona go tshwarwa ka morwalo mme a bo a tswa fela a sa atlholwa ka ntlha ya melao ya Botswana.
O kopile gore fa legodu le tshwerwe ka leruo le sa tshwaiwa, leruo leo le neelwe puso, a bo a supa fa e le boikarabelo jwa morui go tshwaya leruo la gagwe. O kaile gape fa matshwao a ya ka dikgotla tsa metse mme fa leruo le tshwerwe ke ba matimela le latisiwe motlhala ka kgotla. O ne a supa fa go na le Batswana bangwe ba ba rekisang leruo kwa ntle ga Botswana, a bo a kopa gore fa go ntse jalo, molao o akaretse botlhe e seng go sokamela kwa go ba bangwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : LETLHAKENG
Event : Kgomokhumo
Date : 04 Jun 2023