Breaking News

Puso e itlama go lwantsha bogodu jwa leruo

04 Jun 2023

Puso e tsweletse ka go dira gotlhe go lwantsha le go fedisa bogodu jwa leruo.

Se se builwe ke Tona wa Itshireletso, Rre Kagiso Mmusi fa a rola semmuso lekalana la Kgomokhumo kwa motseng wa Letlhakeng bosheng.

Rre Mmusi o ne a supa fa puso e itlamile go lwantsha borukutlhi jwa leruo ka gore bogodu jwa lone bo humanegisa Batswana ka jaana leruo e le botshelo jwa bone.

A re mo maitlamong a bone a go lwantsha bogodu jwa leruo, ba ne ba kopa go okelediwa mapodisi mme puso e ne ya okeletsa lephata la gagwe ka mapodise a le sekete.

A re ba tlaa dira lephatana la sennela ruri le le tlaa itebaganyang le go lwantsha bogodu jwa leruo.

O tlhalositse gape fa ba tlaa okelediwa ka mapodise ka a le sekete mono ngwaga, a bo a supa fa go tlaa nna le mapodisi a Kgomokhumo gongwe le gongwe kwa go nang le kampa ya sepodisi.

O ne tlatsa ka gore mapodisi ao ba tlaa batlelwa didirisiwa tse di ka ba kgontshang tiro jaaka dipitse, dikoloi le sefofane sa tlhoo-tomo, a supa gape fa ba rutuntsheditswe tiro eo.

Fa a itebaganya le mapodisi a Kgomokhumo, tona o ne a ba kopa go itshwara jaaka mapodisi ba seka ba nna magodu le bone, a bo a ba kopa gore go nne le maduo mo nakong e e sa fediseng pelo.

Tona o ne a ba gakolola gape ka borukutlhi jwa leruo jo bo neng bo le kwa kgaolong ya Bobirwa, a supa fa bo fokotsegile ka ntlha ya tshwaragano ya mapodisi le barui.

O ne a kopa morafe go amogela mapodisi ao le go ba kaela gore ba ka nwa lekalana la Kgomokhumo moro jang. 

Mo go la gagwe, mothusa tona wa lephata la Temo Thuo, Rre Molebatsi Molebatsi, o tlhalositse fa puso e ikaelela go oketsa palo ya dikgomo mo lefatsheng leno, a supa fa ba ntse ba kgojwa marapo ke bogodu jwa leruo jo bo kwa godimo.

Rre Molebatsi o tlhalositse fa e rile lefatshe leno le tsaya boipuso, palo ya dikgomo e ne e ka tshwara didikadike tse tharo (3 million), mme mo nakong ya gompieno e wetse tlase e tshwara sedikadike (1.7 million).

O supile fa dikgomo dingwe gape di sena boleng mme puso e le mo lenaneong la go di tlhabolola. A re  barui ba tshwanetse go lemela leruo la bone le go lwantsha malwetsi a leruo. 

O tlhalositse fa barui e le batsaya karolo mo bogodung jwa leruo ka jaana ba tlogela leruo le saila mo ditseleng.

O ne a rotloetsa barui go tshwaya leruo la bone ka tshipi le gone go le tlhokomela gore le seka la utswiwa ke magodu.

Rre Molebatsi o ne a kopa barui go reka meroto ya dipoo go tlhabolola leruo la bone.

Tona wa Thokgamo, Rre Machana Shamukuni o ne a supa fa ntwa e ba e boloditseng e ya go tlhoka batsaya karolo botlhe ba tshwaraganye.

O boletse fa ntwa ya bogodu jwa leruo e tlhoka gore basekisi le batlhotlhomisi ba e tseye ka tlhoafalo, a bo a supa gore lephata la gagwe le tlaa dira bojotlhe gore go nne le maduo. Rre Shamukuni o ne a supa fa ba itemogetse gore dipalo tsa bogodu jwa leruo di gola letsatsi le letsatsi, a supa fa e rile fa ngwaga o o fetile o simolola go fitlha o fela, ba kwadisitse ditsheko tsa leruo di le 169, mme ba ikaelela go simolola go kgarametsa melatsa ya dikgetsi tseo tse kwa lekgotleng la di tsheko.

O tlhalositse fa ba akanya gore kgetsi fa e le kwa lekgotleng la Setswana mme mosekisiwa a batla go e fudusetsa kwa kgotleng ya ga mmakaseterata, a duele madi a a utlwalang go fudusa kgetsi eo eseng motlhofo jaaka go diragala gompieno.

Mopalamente wa kgaolo ya Letlhakeng/Lephepe, Rre Liakat Kablay o ne a lebogela gore lekalana la Kgomokhumo le isitswe kwa kgaolong ya gagwe ka jaana kgomo e le khumo ya Motswana ebile e tlhoka go sirelediwa. Rre Kablay o ne a kopa gore ditsheko tsa bogodu jwa leruo di seka tsa diega ka jaana bosupi bo felela bo nyelela.

O ne a kopa gore mapodisi ba agelwe bonno, bogolo jang ba ba kwa metsaneng gore ba bereke ka boitumelo. BOKUTLO


 

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : LETLHAKENG

Event : Kgomokhumo

Date : 04 Jun 2023