Ba Mahalapye West ba kopa kgaolwana tse pedi
01 Jun 2023
Banni ba Mahalapye West ba kopile go okeletswa ka dikgaolwana tsa khansele tse pedi.
Se se builwe kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke lekoko le le rumilweng go tsaya megopolo ka kgaoganyo ya melelwane ya dikgaolo tsa bokhanselara kwa Mahalapye ka Mosupologo, morago ga gore banni ba kope go okeletswa ka dikgaolwana tsa botlhophi tsa khansele di le pedi go imolola makhanselara a a teng morwalo ka motse o godile.
Mopalamente wa kgaolo eo, rre David Tshere o supile fa kgaolo ya Mahalapye west e le tona mme a kopa gore ba okeletswe ka kgaolwana e le nngwe kwa motse o golelang teng kwa ditsheng tse disha.
Rre Tshere o boletse fa ba tlhoka mokhanselara yo mongwe ka gore mo ngwageng tse lesome tse di tlang, e tlaabo e le motse fela o o tlhokang tlhokomelo le kemedi kwa khanseleng, a re kgaolwana eo ba tlaa e bitsa Parwe 1.
Rre Borniface Disho o ne a tlatsa ka go supa fa dipalo tsa banni ba Mahalapye West di le dintsi e bile le dikgaolwana tsa Mahalapye South le North di le ditona ka jalo a kopa gore di kgaoganngwe ka gore dipalo di a letla.
Rre Disho o tlhalositse fa Mahalapye central a lekane dipalo tse di batliwang tsa batlhophi, a re e tlogelwe jaaka e ntse.
Fa a tswa la gagwe,Rre Joseph Tjienda o kopile gore kgotla ya Tidimalo le Herero di kopanngwe e nne kgaolwana ya botlhophi e bitswa Tidimalo-Herero ka gore banni ba tsone ke batho ba le bangwefela ebile ditso tsa bone di a tshwana.
Rre Tjienda o supile fa batho ba sa tshwanela go farologanngwa le ditsabone jaaka mabitla le sekole se se biditsweng ka mongwe ka bone.
Banni ba Mahalapye ba ne ba kopa gore matlhophelo a okediwe go leka go fokotsa mosuke le mela e meleele fa go tlhophiwa.
Fa a tswa la gagwe, monni wa Tewane Mme Julia Miranda o ne a kopa gore Mahalapye North a kgaoganngwe ka gore ke kgaolo e tona ebile e tsenya dingalo ka nako ya ikwadiso ditlhopho ka bontsi jwa batho ba sa tlhaloganye fa molelwane o tsamayang teng.
Mme Miranda o ne a kopa gape gore Mahalapye North a fokodiwe mme kgaolwana e tlaa bong e e tlatsa e bo e bidiwa Tewane ka gore ke yone fela motse o o kwa ntle ga Mahalapye o batlhophi ba one ba tlatsang Mahalapye North.
Fa a tlatsa, Rre Kebadirile Sehuli o supile fa motse wa bone o saletse kwa morago ka ditlhabololo ka gore bontsi jwa tsone di felela mo Mahalapye, mme a kopa gore kgaolwana ya botlhophi e bidiwe ka leina la motse wa bone gongwe ditlhabololo di tlaa goroga ka ba tlaa bo ba sa lebalesege.
Fa a tswala, Kgosi Tshipe Tshipe o lebogetse banni go tsaya karolo mo bokopanong jwa go tlisa megopolo le dikeletso tsa bone mabapi le dikgaolo tsa bone tsa botlhophi.
Kgosi Tshipe o supile fa bokopano jwa mofuta o, bo tla gangwefela mo ngwageng tse di lesome ka jalo a rotloetsa banni go nna ba tsibogela dikgang tse gore ba tle ka megopolo e e tiileng le go itsa go tseelwa ditshwetso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaone Fati
Location : MAHALAPYE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 01 Jun 2023