Kgari III o rola Dihutso kwa Mogoditshane
28 May 2023
Tshwaragano ya magosi le morafe e ka thusa go fokotsa dikgwetlho tse di ba aparetseng mo metseng e ba e eteletseng.
Se se builwe ke Kgosi Kgari III fa a rola Kgosi Prince Dihutso kwa Mogoditshane bosheng.
Kgosi Dihutso o bewa jaana morago ga gore Kgosi Alfred Dihutso, yo e leng rraagwe, a tlogele tiro ka bogodi ngwaga e e fetileng a sena go etelela morafe wa Mogoditshane ngwaga tse di masome a mabedi le bosupa.
Kgosi Kgari III o kopile morafe go bereka mmogo le kgosi go lwantsha maitshwaro a a ka senyang seriti sa kgaolo ya bone.
"Ke dumela le itse dikgwetlho tsa kgaolo ya Mogoditshane, segolo jang ka e bapile toropo kgolo ya lefatshe leno, ebile dipalo tsa yone di golela pele mme dingwe dirukutlhi di bone ele phatlha ya go tlhorontsha banni ka go ba thukutha,” ga bua jalo Kgosi Kgari III.
Le fa go ntse jalo, Kgosi Kgari III o rotloeditse morafe go fa kgosi ya bone sebaka sa go ithuta tiro ba sa kgope-kgopetsane le ene ka a santse a le lekau, mme ebile a le matlhagatlhaga mo tirong ya gagwe.
“Ke bua jaana fa pele ga gago Kgosi Dihutso le morafe wa gago. ela tlhoko gore ga o iphitlhele o re thabisitse ditlhong ka tsela epe, ka ele wena seipone sa morafe wa gago,” ga bua Kgosi Kgari III.
Fa a tswa la gagwe Mopalamente wa kgaolo, Rre Tumiso Rakgare a re go maleba go isa malebo otlhe kwa Modimong ka gore merafe mengwe mo lefatsheng leno fa go buiwa ka go alogana ga bogosi go nna le dipheretlhego.
"Ke itumelela go bo go nnile le kagiso mo go tlhomiweng ga kgosi ya kgaolo ya rona, ka seo ele sekao sa tshwaragano le neelano,”ga bua mopalamente.
A re go botlhokwa go ikgakolola tse magosi a di diretseng lefatshe leno le go lemoga botlhokwa jwa bone mo sechabeng ka nako e e neng magosi a eteletse pele gone go sena tlhakatlhakono.
Rre Rakgare a re puso e tshwanetse ya sekaseka gore dingwe ditiro di busetswa mo diatleng tsa magosi ka botlhoka tsebe bo ile magoletsa mme bogologolo fa thupa e santse e bereka mo makgotleng go ne go sa nna jalo ka go ne go na le kgalemo.
A re mo dingwageng tse di fetileng magosi a ne a dirisa thupa go aga tshaba e nang le maikarabelo.Rre Rakgare o gakolotse Kgosi Dihutso go tsamaisa morafe wa Mogoditshane a ikaegile ka modimo le boammaruri jo botla mo gololang mme bo tsise tshiamelo mo kgotleng ya gago.
O tlhalositse fa ba itlamile go dira Trust e tlabong e bopilwe ka maloko a bana ba Mogoditshane go thusa go tokafatsa matshelo a banni ba Mogoditshane mo nakong e puso e santseng e iphutha metlhala go tsisa ditlamelo mo kgaolong ya bone.
Mo mafokong a gagwe a go amogela thomo, Kgosi Dihutso a re o leboga bana-le-sebae botlhe go sa ipona tsapa gore tiro e atlege. A re o dumela gore Modimo o tla mo etelela pele jaaka a tlaabo a tshwere tiro e kgolo ya go etelela morafe.
"Ke solofetsa banni ba Mogoditshane go dira le bone mo go tlhabololeng kgaolo ya rona. Ke tla nna le therisanyo le morafe jaaka ke taabo ke le eteletse pele,” ga bua Kgosi Dihutso.
A re o leboga morafe wa Mogoditshane go bo ba tsile ka bontsi a re seo se supa fa bamo amogetse. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Keagetswe Motsumi
Location : MOGODITSHANE
Event : Peo Ya Kgosi
Date : 28 May 2023