Breaking News

Ba batla kgaolwana ya Raphalane e kgaoganngwa

25 May 2023

Banni bangwe ba toropo ya Jwaneng ba kopile gore kgaolwana ya bokhanselara ya Raphalane e kgaoganngwe gabedi ka jaana Unit 8 e tsweletse ka go gola.

Erile ba akgela kwa phuthegong ya tshekatsheko ya melelwane le matlhophelo ka Labobedi, Rre Kago Mabolokanye o ne a kopa gore kgaolwana eo, e e akaretsang Unit 6 le Unit 8, e kgaoganngwe ka dipalo tsa batho kwa Unit 8 di golela pele. O ne gape a kopa gore matlhophelo mo toropong ya Jwaneng a okediwe gore batlhophi ba seka ba tsamaya sekgala se seleele ka nako ya ditlhopho.

Moemedi wa Jwaneng Taxi Assiciation Rre Selogilwe Peepe o ne a tlhalosa fa go le botlhokwa gore Unit 8 e nne kgaolwana ya bokhanselara e e ikemetseng ka e supa e santse e gola.

“Unit 8 o godile o tshwanetse go kgaoganngwa le Unit 6, ebile e supa e tlaa gola go feta dikgaolo tse dingwe ka jalo e tshwanetse go nna le mokhanselara wa yone ele nosi,”a tlhalosa.

Rre Peepe o ne a re nako e gorogile gore kgaolo ya Seole e fetolwe leina ka jaana leina leo le ne le raya masimo a a kwa ntle ga toropo.

A re leina leo le rotloetsa gore batho ba felele ba tsewa kwa masimong a Seole ba tla go tlhopha mo toropong ya Jwaneng.

O ne gape a supa fa go na le ketsaetsego ka mafelo mangwe a akaretsa sekole sa Jwaneng Technical College le kokelo ka jaana melelwane ya botlhophi e supa di le mo kgaolwaneng ya Seole mme go tlwaelesegile di le kwa go ya Ngami.

Fa a tswa la gagwe, molemi wa masimo a Kaduwe Rre Joseph Mpodi a re go ngomola pelo gore ba bo ba sena kemedi e e ba buelelang ka ditlhabololo di tshwana le ditsela le motlakase, ntswa le bone ba na le seabe ka nako ya go tlhophiwa. O ne a kopa gore masimo a Kaduwe a direlwe kgaolwana ya bokhanselara e e tlaa nnang bontlha bongwe jwa toropo ya Jwaneng ka jaana ele yone ee gaufi le bone.

Erile a ba kgwa dikgaba, modulasetilo wa komiti eo Rre Odiseng Moruti a re e re ntswa seelo sa dikgaolwana tsa botlhophi e le dikete di le pedi, makgolo a supa le masome a mabedi le bosupa (2 727), palo eo e ka fetoga go lebilwe mabaka mangwe a a farologanyeng. O ne a supa fa ba itemogetse mo diphuthegong tse di farologanyeng gore banni ba Jwaneng ba eletsa kgaolo ya Raphalane e ka kgaoganngwa gabedi, ka jalo ba tlaa fetisetsa kopo eo kwa lekgotleng le le ikemetseng la ditlhopho.

O ne gape a tlhalosa gore melelwane ya kgaolo ya Jwaneng e lebelelwa ka terata ya moepo, ka jalo mafelo a a kwa ntle ga melelwane eo ke a dikgaolo di sele. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kehumile Moekejo

Location : JWANENG

Event : phuthego

Date : 25 May 2023