Magosi a bereka ka molao motheo
25 May 2023
Go tlhatlosiwa ga dikhansele di le lesome le bongwe (11) go ikemela, ga go reye gore dikgosi di tlaa tlhophiwa mo mafelong ao.
Tlhatloso maemo ya dikhansele potlana e ntse e le mo lenaneong, maikaelelo e le go fokotsa ditshenyegelo le nako ka jaana ditlamelo di tlaabo di le gaufi le morafe.
Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae Rre Kgotla Autlwetse o buile seo kwa kgotleng ya Thamaga bosheng.
Rre Autlwetse a re o tshwenngwa ke bangwe ba ba akanyang gore go tlaa tlhophiwa dikgosi mo mafelong ao, a tlhalosa fa magosi a laolwa ke molao motheo le Tribal Territory Act.
A re mo molao motheong ga gona leina kgosikgolo mme a supa gore a a leng teng ke kgosi le kgosana ka jalo tiriso ya leina kgosikgolo go abo go supiwa tlotlo mo bogosing ka e le bone ba tshegeditseng tsamaiso ya lefatshe.
A tsweletse a tlhalosa fa bontsi jwa dipalo tsa batho mo kgaolong ga bo reele gore e tlaa tlhatlosiwa maemo, a re seo se dirwa go lebeletswe ka fa metse e ikadileng ka teng le gore go bofefo jang go bona ditlamelo tsa puso mo mafelong ao.
“Fa mokhanselara a eteletse pele metse e mebedi e eleng gore banni ba batla thuso mo go ene botlhe mme ba se mo lefelong le le lengwe ke gone fa re dirang di tshekatsheko teng.”Fa a akgela Mopalamente wa Thamaga/Kumakwane Rre Palelo Motaosane a re keletso ya bone ke gore fa ba tseyang ditirelo tsa khansele teng go tlhabololwe go bo go tlhatlhosiwe go fa ditirelo tsa khansele potlana ka go tisa bodiredi, ka a dumela fa seo se tlaa ba kgaolela mosepele go latela ditirelo kwa Mogoditshane.
Rre Motaosane a re nako e tsile gore Thamaga a tsisediwe ditlamelo tse di mo tshwanetseng, ka ba sale ba beilwe ka fa mosing fa puso e tsisa ditlhabololo, mme dipalo tsa bone mo kgaolong di setse jaanong di sala morago tsa kgaolo ya Mogoditshane.
“Banni ba Thamaga ba sale ba nnile dipelotelele, ka jalo a re Mogoditshane a ikemele ka nosi kgotsa e tlhatlosiwe maemo go nna toropo gore dikgaolo tse di mo dikaganyeditseng di tle di bone ditlhabololo,” ga bua Rre Motaosane.
E ne e rile go le pele morafe wa supa fa o tshwentswe ke tsela e e yang mabitleng kwa Thamaga Botlhaba e e setseng jaanong e ba senyetsa dikoloi ka e na le dikhuti tse di setseng e nna melapo fa dipula di nele.
Bangwe banni ba ne ba gatelela ntlha gore service centre ya bone e tsholediwe maemo go nna e e ikemetseng ba re seo se ka tlisa ditlhabololo mo motseng wa bone.
Fa a akgela motshwarelela mokwaledi wa khansele ya Mogoditshane Rre Losika Mosarwa a re mo maitekong a bone a go tokafatsa seemo sa tsela eo le go fokotsa gore metsi a tsene mo dijarateng tsa batho, ba ne ba epa dikhuti gore metsi a kgone go feta, mme a re go kaba dikhuti tseo go tlaa bo go reela gore fa pula e na metsi a boela mo dijarateng.
Rre Mosarwa a re go fema dikotsi mo tseleng ba tla baya dikai tse di tla tsibosang bakgweetsi go kgweetsa ka kelotlhoko fa ba dirisa tsela eo.
Fa morafe o tsibogela karabo, ba supa fa ba batla motshelakgabo mme Rre Mosarwa a re seo se tlaa dirwa morago ga ba sena go okomela kgetsi ya bone ya madi go sekegela selelo sa banni tsebe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keagetswe Motsumi
Location : THAMAGA
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 25 May 2023