Breaking News

Tshenyo ya diphologolo e kgoba banni marapo

25 Nov 2013

Banni ba Khudumelapye mo kgaolong potlana ya Letlhakeng ba re diphologolo dingwe tsa naga di ba kgoba marapo go lema le go rua.

Ba buile seo mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke ba lephata la diphologolo kwa motseng oo. Ba supile fa diphologolo tse di sa ntshetsweng phimolo dikeledi, di akaretsa dinoko, diphiri le diphoti di ba senyetsa fela thata, mme ba kopa gore di tsenngwe mo go tse di akareditsweng mo phimolong keledi.

Mongwe wa banni, Rre Olebetse Phemelo, o kopile gore puso e ntshe molao o o farologanyang barui fela le barui ba kgwebi; gore barui ba kgwebo ba bone dikatso tse di fa godimo.

Rre Phemelo a re ele banana, ba retelelwa ke go busa madi a dikadimo a lephata la banana ka dibatana di ba tlhorontsha ka go ba jela leruo mme ba bone dikatso tse di kwa tlase.

Modiri wa lephata la diphologolo, Rre Bethuel Direng, o ne  a supa fa go diragetse diphetogo di le mmalwa mo phimolong dikeledi mme a supa fa dikatso tsa phimolo dikeledi di tsholetsegile, mme di ama diphologolo tse pedi fela, e bong tau le tlou.

O tsweletse ka go gakolola banni ba Khudumelapye go baya dirwe tsa sepe se se ka tswang se jelwe ke dibatana go fa bosupi. O tlhalositse fa puso e tla seke e naya ope madi a phimolo dikeledi fa a ipusoloseditse ka go bolaya phologolo segolo bogolo tau le tlou.

O ne gape a lemotsha batsena phuthego botlhokwa jwa go tlhokomela masimo a bone le diphologolo, ka go aga masaka a a tiileng le go leta masimo a bone. E ne yare mo mafokong a gagwe a kamogelo, Kgosi ya motse Rre Edwin Ramokobetwane a kgothatsa banni go sireletsa diphologolo go hema gore di seka tsa fela.

O ne a tlhalosa fa lefatshe la Botswana le ikaegile ka mohama wa bojanala ka diteemane le nama di sa rekwe sentle. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Senkokame Dibeko

Location : LETLHAKENG

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 25 Nov 2013