Breaking News

Dirisang diatlana go itshireletsa

24 May 2023

Go tswa goo lowe, Motswana o na le tumelo ya go tshwara ka diatla e le go supa lorato.

Fa ba dumedisa, ke seatla, fa a duba borotho, ke seatla, ga mmogo le fa a dila leobo o dirisa seatla go supa fa a kgatlhegela tiro ya gagwe.

Moithuti wa tsabotsogo kwa Mmadikolo, Betty Kago o dirile dipatlisiso tse di supang borai jwa go dirisa diatla go dira dilo dingwe, di akaretsa go dirisa boloko jwa dikgomo go dila, mme ka jalo a rotloetsa tiriso ya diatlana.

Betty are tiriso ya boloko e kgethegile mo ngwaong ya Setswana, a supa fa boloko bo dirisiwa go dila, go kgapha matlo, bogolojang ka go dumelwa gore boloko bo koba ditshidinyana, ebile bo kganela pula go tlhagelela mo lebotaneng la ntlo ya Setswana.

Are sebe sa phiri ke gore tiriso ya boloko e ka tsenya bolwetse fa motho a bo dirisa a sa itshireletsa ka diatlana.

O tlhalositse fa boloko e le leswe le le tswang mo diphologolong,  a tlatsa ka gore metlha e fetlogile ka malwetsi a diphologolo a le mantsi. A re dingwe di sa tswa go kentiwa, mme fa motho a tshwara boloko a sa itshireletsa o ka tsenwa ke  malwetse. A re go ya ka dipatlisiso tse a di dirileng, go supagala gore batho ba ka tsenwa ke malwetsi a amang sebete, diphilo, dibokwana mo maleng, mala a tshabisegang le letlalo le le bababetseng ruri.

Are bangwe morago ga go tshwara boloko, ga ba tlhape diatla thata mme ka jalo ba ka tsenwa ke malwetsi ao.

Betty a re e re lentswa diatlana e le selo tsa sesha, ke dingwe tsa dilo tse di tshwanetseng gore di dirisiwe go thusa go itshireletsa, mme ka jalo a kgothatsa gore go dirisiwe diatlana, a tlatsa ka gore diatlana di mefuta.  Are motho o ka kgona go dila mekgabisa ka menwana a ntse a rwele diatlana.

O gateletse botlhokwa jwa go rwala diatlana fa ba tshwara boloko, go tlhapa diatla ka metsi a molora fa ba sena go tshwara boloko go ipabalela mo malwetseng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lesedi Thatayamodimo

Location : GABORONE

Event : Potsolotso

Date : 24 May 2023