Breaking News

Ba lephata la dikitsiso ba abela bana

25 Nov 2013

Ba Lephata la Dikitsiso kwa motseng wa Lerala ba patagane le ba lephata la Thuto Ga E Golelwe, ba ne ba tsisa boitumelo le monyenyo mo difatlhegong tsa bana ba sekolo sa masea sa Mmabana Trust, gone mo Lerala, ka go ba abela dilo tse ba ka tshamekang ka tsone go ithuta le go itlosa bodutu.

Fa a rola dimpho tseo mookamela dithuto tsa Ga e Golelwe mo motseng wa Lerala, Mme Constance Gaotlhobogwe, o boletse fa badiri ba maphata a Dikitsiso le Thuto Ga E Golelwe ba tsere sekole sa Mmabana Trust go simolola ngwaga ono.  

A re ba itlamile gore ngwaga le ngwaga ba tla a direla bananyana ba ba tsenang mo sekoleng seo. Mme Gaotlhobogwe a re go tswa tshimologong ya ngwaga ono, babereki ba maphata oo mabedi ba ne ba itlama go ntsha bonnyenyane kgwedi le kgwedi gore ba tle ba reke dimpho tsa bana bao.

A re maphata a ka bobedi a setse morago lengwe la matshego a tebelopele ya lefatshe ya ngwaga wa 2016 la tshaba e e kutlwelobotlhoko. A re e le badirelapuso ba tshwanelwa ke go itsenya mo banning ba metse e ba direlang mo go yone gore ba itse dikgwetlho tsa botshelo tse di ba amang le gore ba ka ba thusa jang.

O boletse fa ba ne ba eleditse go ka dira go feta mo ba go dirileng mme a solofetsa baokamedi ba sekole seo fa ba tla a dira go tlala diatla mo ngwageng o o tlang.

Sekole sa Mmabana Trust se simolotse go dira ka ngwaga wa 2001 se itebagantse le go tlhokomela bana ba masiela mme se na le bana ba le masome a mane le borobabobedi. Mothei wa sekole seo, Mme Tuduetso Molemogi, a re sekole sa gagwe se tsweletse sentle mme se bona bontsi jwa dithuso mo go boradikgwebo.

O ne a ntsha matshwenyego a gore bangwe ba batsadi ba ba salang le bana ba masiela ga ba ba fe tlhokomelo e e tshwanetseng mme ka jalo a ikuela mo go bone go fa bana ba masiela lorato le tlhokomelo e ba e tlhokang. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : LERALA

Event : Moletlo wa kabo dimpho

Date : 25 Nov 2013