Breaking News

Dikereke tsa Serowe di tlaa tshwaraganela merapelo

24 May 2023

Dikereke tsotlhe tse di mo Serowe di tlaa phuthaganela  kwa Serowe Sports Complex, kgwedi eno e le masome a mabedi le bosupa, ka maikaelelo a go nonotsha mewa ya batho le go aga tshaba e e nang le serite le boikarabelo.

Se se tlhalositswe ke Bishop Morategi Selapa yo e leng modulasetilo wa lekgotla la baruti ebile e le moruti kwa kerekeng ya Pentecostal Holiness Church.

Bishop Selapa a re thapelo e, e ngokile baruti le diphuthego tsa dikereke tsa semowa le tsa pholoso tsa Serowe.

A re ba laleditse lekgotla le le okametseng dikereke la Botswana Council of Churches (BCC).

Bishop Selapa a re ba solofetse tona wa Dikgaolo le Tlhabolo Magae, Rre Kgotla Autlwetse le tona wa Banana,  Bong, Metshameko le Ngwao, Rre Tumiso Rakgare, makalana a puso ka go farologana jaaka Serowe-Palapye District Health Management Team, e e tlaabong e tlhatlhobela batho malwetse a a farologaneng gammogo le Botswana Police le boetledipele jwa motse.

Morotloetsi wa tiro e, Rre Taolo Moshaga a re o lemogile fa mathata le dikgwetlho tse di lebaneng Batswana di ka seka tsa fenngwa ka senama se le nosi mme ke sone ba boneng go le maleba gore ba phuthe dikereke go kopanela tiro e.

Rre Moshaga o nankotse dikgwetlho tsa selegae di tshwana le dipalo tse di golelang pele tsa tlhalo, boitaolo jwa bana, tiriso botlhaswa ya dino le ditagi le bogodu, e le mangwe a mathata a lefatshe leno le iphitlhelang le lebagane le one.

“Puso ka nosi e ka seka ya kgona go fenya dikgwetlho tse, ke gone ka moo re le dikereke re batlang go go baya mo maruding a rona gore re thuse ka Motswana a re moroto wa esi ga o ele,” Rre Moshaga a tlhalosa.

Moruti Olebile Serumola wa Eloyi Christian Church ebile e le morulaganyi wa tiro e, a re thero e tlaabo e dirwa ke baruti ba le babedi go tswa kwa kerekeng tsa semowa, tsa pholoso le ba le babedi go tswa kwa lekgotleng la dikereke.

Rre Serumola o supile fa kobamelo le kgalaletso e tlaa dirwa ke diopedi tsa mmino wa sedumedi di akaretsa Tshepo Lesole, Obakeng Sengwaketse le Matheke Leteane.

O supile gape fa dikereke le tsone di solofetswe go tla ka dikhwaere tsa tsone.  “Tiro e, e ya go simolola ka mogwanto ka nako ya bosupa mo mosong kwa Serowe Old Mall go ya kwa Serowe Stadium kwa tiro e tlaa simololang teng ka nako ya boferabobedi go ya kwa go ya bone maitseboa.

Tiro e , e rulangantswe ke lekgotla la baruti la Serowe. BOKHUTLO
 

Source : BOPA

Author : Patricia Speakson le Phodiso Gaebepe

Location : SEROWE

Event : Potsolotso

Date : 24 May 2023