Ditsela tsa boleng jo bo kwa tlase di turela puso
24 May 2023
Go dira ditsela tsa boleng jo bo kwa tlase ga go sokodise morafe fela, mme go turela puso.
Ditsela tse, tse di senang boleng e bile di sa tsamaege, di ama ditlhabololo tse dingwe, jaaka mo bogompienong puso e laotse gore bontlha jwa madi a P10million a dikgaolo tsa bopalamente a diriswe mo go baakanyeng ditsela tse di fa gare ga metse fela.
Mopalamente wa Serowe Borwa, Rre Leepetswe Lesedi, o buile se a etetse motshelakgabo o o dirwang kwa Serowe, mo tseleng e e golaganyang kgotla ya Mokwena le ya Phokela, e e dirwang ke khamphani ya Leebrian Construction, e mopalamente a ipelaetsang e sa lekana molapo oo.
O tlhalositse fa motshelakgabo oo, o le monnye thata, a re go ka bo go akanyeditswe borogo jo bo feletseng go lekana le molapo a tlatsa ka gore le madi aa neng a kopetswe tiro eo gaa lekana.
Rre Lesedi o ngongoregile ka tiriso ya madi a ditiro tsa kgaolo, a re go a tshwenya gore e le mopalamente ke ene wa bofelo go a rebola, mme khansele e sa itsise ofisi ya gagwe gore a dirisitswe jang mo ditirong tsa kgaolo.
A re go tshwanetse ga nna le neelano gareng ga ofisi ya mopalamente le khansele.
Moitsaanape wa ditsela kwa khanseleng ya Serowe, Rre Isaac Mpopo o boletse fa go kopilwe motshelakgabo fela o o lopileng madi a kanang ka P1.1million e seng borogo.
Rre Mpopo o boletse gore fa motshelakgabo o godisiwa go oketswa boleele ja motshelakgabo, go tlhokafala gore madi a okediwa go nna P1.5million.
O boletse fa e le ba ditogamaano ba neelwa tse di lopilweng ba bo ba tlhoma dikonterata go dira go ya ka seelo sa madi.
Rre Mpopo boletse fa ditsela mo Serowe di le maswe fela thata ka gore bontsi jwa tsone di siilwe ke nako, di onetse di batla di ntshafadiwa ka bontsi di tletse dikhutikhuti fela mo go lopang puso madi a mantsi thata.
O boletse fa ba ntsha ipapatso ya go dira ditsela ba laletsa dikonteraka tsa Batswana ba ba tswang mo kgaolong eo eseng ba ba tswang kwa ntle ga Serowe.
Le fa go ntse jalo modulasetilo wa khansele ya Serowe, rre Keneilwe Monageng, o boletse fa go diragetse diphoso kwa tshimologong ya go tlhongwa ga konteraka ka go belaesega belaela gore mong wa yone a sa tswe mo kgaolong ya Serowe.
A re motshelakgabo o monnye o tlogetse molapo kwantle, a re e ka bo erile ka nako ya go dirwa moalo wa tiro, ga bo go sekasekilwe lefelo ke ba ba maleba gore go dirwe se se maleba, go lebilwe le one madi.
Moeteledipele wa khamphani e go dirang motshelakgabo, Rre Godfrey Phuthego, o boletse fa ba filwe tiro ya motshelakgabo ebile madi a teng a tlhaela ka tiro e le ntsi thata, ba dira fela le mo go seyong mo lenaaneng.
Mothusa mokwaledi wa khansele, Rre Molapisi Morapedi o boletse fa matshwenyego a ga mopalamente a utlwala mme a tlhalosa fa ba tlaa boela kwa tafoleng le bogogi jo bongwe jwa khansele go sekaseka gore ba ka dira jang go baakanya diphoso tse di diragetseng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : SEROWE
Event : Ketelo motshelakgabo
Date : 24 May 2023