Breaking News

Dikhwaere di na le bokamoso

24 May 2023

Mmino le moopelo fa di dirwa ka tsela e e haphegileng di ka tlhama ditiro selo se se supagetseng mo matshelong a diopedi dingwe mo gae le kwa mafatsheng a sele.

Mogolwane go tswa mo lephateng la Banana, Bong, Metshameko le Ngwao Mme Thato Motswakwa o buile se ka letsatsi la dikgaisanyo tsa dikhwaere go ipaakanyetsa dikgaisanyo tsa kgaolo ya Western Region e e akaretsang  Tsabong le Gantsi ka  Seetebosigo a le lesome.

Setlhogo sa dikgaisanyo tsa monongwaga se se reng Tlhabololo ya Itsholelo ka Dikgwebo tsa Botaki le Bodiragatsi.

A re maikaelelo a dikgaisanyo tsa bodiragatsi le botaki tsa malatsi a ga Tautona tse di tshwarwang ngwaga le ngwaga ke go epolola ditalente, go sireletsa, go tsosolola, le go tlotlomatsa ngwao ya Setswana.

A re go le pele moopelo wa dikhwaere e ne e le go ntsha bodutu mme puso e ne ya ema ka dinao go thusa ka go tlhabolola bodiragatsi jo bo farologanyeng ka go ba atswa morago ga phadisano ka malatsi a boitapoloso a ga tautona.

A re se ke tsela nngwe ya go tokafatsa matshelo a bone le gone go tlhamela ba bangwe ditiro.

Mme Motswakwa o ne a tlhalosa fa mo ngwageng ono dikgaisano tsa moopelo wa dikhwaere di tshwaretswe kwa Tsabong ka ditlhopha tse tlhano fa kwa Kokotsha ditlhopha di le nne e le legato la ntlha.

Lerole le ne le beta kolobe jaaka ditlhopha tse tlhano tsa Tsabong Tsogang Maroko go tswa Maubelo le LG go tswa Tsabong di ne tsa itlhomna kwa pele.

Kwa Kokotsha ditlhopha ka bobedi go tswa motseng oo ebong khwaere ya Kagiso e fetile ka tse di tsididi mo maemong a ntlha mme ya latelwa ke ya Fighters go gaisa dikhwaere go tswa Bray le nngwe gape ya Kokotsha.

Ditlhopha tse nne tse, ke tsone tse di yang go emela kgaolo ya Tsabong kwa Ghantsi. A re fa ba ka dira sentle kwa Gantsi ba tlaa fetela kwa legatong la bofelo kwa Gaborone ka kgwedi ya Phukwi mo malatsing a boitapoloso aa tlang.

Mme Motswakwa o ne a gwetlha ditlhopha tsa dikhwaere go tswelela ba tsholetsa serodumo sa dikhwaere a re ba itemogetse morago ga dikgaisanyo ditlhopha di  a phatlalala go na le gore ba tswelele ba o godisa. A re ba ka dirisa moopelo o go ithekisa mo setshabeng gore mo isagong ba nne le motlhala oo tla fitlhelwang ke dikokomane tse di tlang, ka jaana bodiratsi e le kgwebo e ba ka itshetsang ka yone.

Mongwe wa baatlhodi Rre Bikani Basaini go tswa khanseleng ya Tsabong  o ne a rotloetsa diopedi  go tsenya marapo dinameng ka go ipaakanyetsa legato le le latelang, a ba gakolola go berekela mo diphosong tse ba di lebisitsweng ka seo se ka ba thusa go fetela legatong la makgaolakgang.

Rre Basaini o ba kgothaditse go tsepama mo kopelong le morago ga dikgaisano mme ba ithute mokgwa wa go etela dikhware tse dingwe ka go dira maitiso mmogo ka seo se ka thusa godisa moopelo wa bone.

Moeteledipele wa Khwaere ya Tsogang Maroko ee gaisitseng tse dingwe Rre Tumelo Matebele o ne a supa fa ba itumeletse maduo mme ba tlaa gagamatsa go ya pele mo dikgaisanong tse di latelang.

Rre Matebele o ne a supa fa khwaere ya gagwe e tlhamilwe ka ngwaga wa 2010 mme ba simolola go tsena dikgaisano tsa malatsi a ga tautona ngwaga le ngwaga mme ngwaga oo fetileng ba ne ba dira go tlala ka diatla ka ba ne ba kgona go fetela kwa legatong la bofelo mme ba ikgapela maemo a bone.

O ne a kgothatsa banana ka ene go itharabologelwa mme ba inaakanye le bodiragatsi le botaki ka ba ka oba letsogo go tlhabolola matshelo a bone le go  ikgapha mo go tse di duleng mo tseleng di akaretsa nnotagi le tse dingwe. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : dikgaisanyo tsa dikhwaere

Date : 24 May 2023