Tshingwana e tla a tokafatsa maduo
25 Nov 2013
Mokgogo wa sekolo se se botlana sa Bonewamang Memorial, Rre Victor Radikgobati, o lebogile lekgotla la Cheshire Foundation, Hope Worldwide Botswana, le barutabana ba sekolo seo go bo ba nnile le mowa wa boithaopo le lorato; ka thuso mo go ageng tshingwana ya merogo.
Mogokgo Radikgobati o lebogetse tshwaragano e mo pulong semmuso ya tshingwana ya merogo kwa sekolong se se botlana sa Bonewamang Memorial mo Molepolole e eneng e eteletswe pele ke mothusa mokwaledi wa lephata la thuto, Rre Kgopotso Ramoroka.
Rre Radikgobati a re tshingwana eo e tlaa thusa go tokafatsa maduo a thuto ya Temothuo ka ele nngwe ya dithuto tse di palelang baithuti mo sekolong sa gagwe. O boletse gape gore maikaelelo a mangwe a go dira tshingwana eo, ene ele go akaretsa bana ba ba nang le bogole, a re bana ba ithuta botoka fa ba dira ka diatla.
O boletse fa tshingwana eo e thailwe ka P25 000 yo abilweng ke ba Cheshire Foundation, fa Hope Worldwide Botswana yone e ne ya direla bana ba masiela, ba-na-le-bogole le batlhoki thuto-seka dipuisano; mme barutabana bangwe, ba aba ditlhare tsa maungo le go agelela tshingwana eo.
Lekgotla la Hope Worldwide Botswana le ne gape la kgobokanya batsadi ba bana ba ba tsenang kwa sekolong seo, ba ba rutuntsha mme morago batsadi bao le bone ba tsenya diatla ka go kopa dithuso tse di farologanyeng mo go boradikgwebo go tsweledisa tshingwana eo.
“Tshingwana e e kgaogantswe ga raro; ntlha e nngwe ke merogo fa e nngwe ele ditlhare tsa maungo le karolo ya dimela tse di tshwanang le mmidi le dinawa. Bagaetsho re ikaelela go aga hoko ya dikoko le mebutla, maikaelelo ele go tsenya sengwe le sengwe fela se se mo lenaneong la thuto,” Mogokgo Radikgobati a tlhalosa.
Fa a akgela, Mopalamente wa Molepolole Borwa, Rre Daniel Kwelagobe o ne a re o itumelela gore a bo a nnile le seabe mo go thuseng gore tshingwana e agiwe. A re puso e ntshitse mananeo a temothuo jaaka la ditshingwana tse di ka fa morago kana ka kwa segotlong; a re sekolo se tshwanetse sa itse fa ditshingwana tseo ese tse di amang kwa lwapeng fela, mme mogopolo ele go itshetsa go tokafatsa itsholelo.
A re merogo le maungo a tshingwana ya sekolo, a ka rekisiwa mme sekolo sa ikgobokanyetsa madi go thusa fa puso e tlhaeletseng teng.
Mopalamente Kwelagobe a re mowa wa bojammogo ke one o ka tsholetsang itsholelo ya lefatshe leno; a tlhalosa fa a ne a buisana le tsala ya gagwe e a e boletseng ka leina la Jamal, yo a reng o solofeditse go aba ditlhare tsa maungo di le masome a mararo.
Mo go feng malebo, mokhanselara wa kgotla ya Sebele, Poloko Motlhobogwa, o ne a kgothatsa sekolo le batsadi go kopanela tiro ya go tlhokomelwa ga tshingwana ka botlalo gore maduo a tiro a nne teng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kenanao Mmopi
Location : MOLEPOLOLE
Event : Pulo semmuso ya tshingwana ya merogo
Date : 25 Nov 2013






