Puso e tlaa tsosolosa madirelo a mashi
23 May 2023
Puso e tlaa tsosolosa madirelo a mashi mo kgaolong ya Serowe Bokone ka lenaneo la nakwana la ditlhabololo.
Mopalamente, Rre Baratiwa Mathoothe o tlhomamiseditse banni kwa phuthegong ya kgotla kwa Swaneng/Morula kwa Serowe bosheng.
A re madirelo a mashi aa kileng a bo a le kwa Mannathoko a ne a phutlhama mme jaanong a tlaa tsosolosiwa mo bogautshwaneng.
Rre Mathoothe a re madirelo a, a ne a rekisetsa dipatela tsa Serowe/Palapye le kgolegelo ya Serowe mashi.
Mopalamente o boletse fa go tsosolosa madirelo go tlaa thusa seemo sa tlhaelo ya mashi ka ditshekatsheko di supa fa Botswana a le kwa morago mo go itireleng mashi le go tlhama mebereko.
Rre Mathoothe o ne gape a lemotsha banni ba kgaolo ya Swaneng/Morula fa bale lesego gore ba bo ba le mo kgaolong e e nang le Farmers Brigade, a re sekole seo sena le lefatshe le lentsi lele sa dirisiweng le ba ka ikopelang go adimisiwa bontlha bongwe jwa lone go lema kana go rua.
O solofeditse banni fa a tlaa bua le tona wa temo-thuo mme morago a boele kwa go bone.
Fa a kgwa mopalamete kgaba, Kgosi Molefe Leinane o supile fa a tshwentswe ke ditiro tse di dirwang mo motseng e re morago di emisiwe ke ditsheko le beng ba dikonteraka.
O tlhalositse fa ba tshwentswe ke nama e banni ba e rekisang mo malwapeng a re “motho fa kgomo ya gagwe e robega oa e buwa a bo a e rekisa ntle le go tla go e kwadisa mo kgotleng. Selo seo sea tshwenya thata ka le go tlhomamisa gore a ke e e siametseng go jewa reka seka ra tlhomamisa,” Kgosi Leinane a tlhalosa.
O ngongoregile gape ka batho ba ba firisang matlo a re ka tshwanelo ba tshwanetse go tla go bega ba ba ba firisetsang kwa kgotleng gore e re nako e mohirisi a tlhagelwang ke mathata, ba kgone go mo thusa ka go mmatlisa ba gagabo.
O file sekai ka motho yo neng a tlhokafala mo motseng mme ga tsewa sebaka a santse a batlisiwa ba gabone ka gone go sena ope yo neng a etsi gore ke mang, o tswa kae.
Mokhanselara wa Swaneng/Morula Rre Gregory Hutton ene o tlhalositse fa a tshwentswe ke seemo sa matlakala mo tikologong ya bone. A re mo gongwe leswe le le okiwa ke dikoloi tse di hirwang go tsaya matlakala.
“Go le gantsi dikoloi tse ga di tswalwe kwa godimo mo go dirang gore matlakala a tsamaye a gasagasama mme morago e nne ekare banni ke bone ba leswafatsang tikologo,” Rre Hutton a supa.
O kaile fa kwa masimo a a mo kgaolong ya gagwe a tshwana le Botepetepe, ba tshwengwa ke diphiri tse di ba senyetsang temo.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo, Mme Tebogo Rapitsenyane o ne a simolola ka go leboga lenaneo la madi a dikgaolo a re ka lone, ba bone tsela ya Morula e felelediwa.
A re le tse dingwe di santse di tsweletse mme ba solofetse gore di tlaa wela. Mme Rapitsenyane o supile gape fa ba kgonne go baakanya matlo a phiriso.
“Mme lefa go ntse jalo re na le matshwenyegoa a re kgoreletsang go fitlhelela ditoro tsa rona. Re na le mafelo a re neng re eletsa go dira dithabololo mogo one mme re paledisiwa ke kgang ya gore mafelo ao ga a na ditlankana,” Mme Rapitsenyane a tlhalosa.
Mme Rapitsenyane o ne gape a supa fa komiti ya dithabololo ya Ramokgatla e e mo kgotleng tse pedi e bong ya Swaneng le Motetshwane e ketefaletsa makhanselara go nna ba ba lekola, a re go ne go ka nna botoka fa e ka kgaogangwa.
O ne gape a supa matshwenyego ka Ipelegeng segolo jang e e kwa masimo a a mo kgaolong ya bone.
A re go bokete gore ba nne ba ba lekola ka ntlha ya letlhoko la dikoloi a re se, se dira gore go nne bokete gore ba supe gore a mme babereki ba theogela sentle.
Monni wa kgaolo, Mme Kitso Simon o kaile fa a eletsa fa madi a a neelwang mapalamente (CCP) a ka tlogelwa a tswelela a bereka ditiro tsa o ne, a re go emisa thulaganyo eo go ya go diya ditiro.
Mme Simon a re o itumelela fa mopalamente a ba tlhomamiseditse tsosoloso ya madirelo a mashi a re seo se tlaa thusa go fokotsa manokonoko a letlhoko la ditiro.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Patricia Speakson
Location : SEROWE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 23 May 2023